Breaking News

Kgosi o lebogela Ipelegeng

31 Jul 2014

Lenaneo la Ipegeleng le kaiwa le ntsha maduo a a nametsang kwa Mantshwabisi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng Botlhaba ka banni ba motse oo ba kgonne go tsweledisa ditlhabololo dingwe mo motseng ka lone.

Mo potsolotsong, Kgosi Dikaelo Tsiang a re ntswa gone go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang lenaneo le go tsamaya ka thelelo, di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa, mme gone tema e a bonala.

O supile fa ba kgonne go dira ditiro tse di farologanyeng di tshwana le go aga loobo lwa kgotla lwa maemo a ntlha.

A tlhalosa gape fa ba kgonne go agela motlhokomedi wa baithuti ba sekole se sennye ntlo, a supa fa se e le nngwe tsela ya go araba selelo se se tshwenyang thata sa tlhaelo ya boroko jwa bodiredi jwa puso.

O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tlaa agela modiri wa ofisi ya boipelego wa motse oo, ntlo ya boroko ka lenaneo le, a supa fa le thusitse thata kwa motseng wa gagwe go tsisa ditlhabololo dingwe.

Kgosi Tsiang a re, e re le ntswa dituelo tsa lenaneo le di sa tlhapise pelo, mme gone le ogotse bontsi jwa banni ba motse wa gagwe mo isong ka jaana ba kgona go oba letsogo.

A re go ka nna molemo thata fa puso e ka tswelela ka go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng ka lenaneo le le thusitse bontsi jwa banni ba metse selegae go itshetsa, go akarediwa le motse wa gagwe.

Kgosi o ikuetse mo pusong go oketsa sebaka se badiri ba Ipelegeng ba se fiwang mo tirong ka jaana lenaneo le e le lone le tshetsang bontsi jwa Batswana kwa metseng.

O ne a gwetlha badiri ba lenaneo leo go dira ka natla ka dinako tsotlhe go netefatsa gore lenaneo le le ba tswela mosola, le one madi a puso ga a wele mo motlhobodikeng

Mo go tse dingwe, Kgosi Tsiang o supile fa lenaneo le le sa tswang go simolodisiwa la Tirelo Setshaba le solegetse banana bangwe ba motse wa gagwe mosola ka ba anywa botsipa mo makalaneng a ba thapilweng mo go one.

Le fa go ntse jalo, o boletse fa a le maswabi thata ka gore banni ba motse wa gagwe ga ba akole mananeo a nyeletso lehuma go tokafatsa matshelo a bone ntswa gone ba tsweletse ka go dira ikopelo, a kaya fa ba sa atlege e bile go tsaya nako gore ba thusiwe.

O boletse gape fa tlhaelo ya metsi kwa motseng wa gagwe le yone e le kgwetlho, ka se jaanong se baka gore banni ba seka ba kgatlhegela mananeo a thuo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 31 Jul 2014