Puso e rotloetsa temo ya maungo le merogo
31 Jul 2014
Puso e rotloetsa temo ya merogo le maungo ka ditsela tse di farologaneng go godisa mhama oo le go fokotsa go tsaya dijo kwa mafatsheng a mangwe.
Fa a bua kwa phuthegong ya bagwebi ba temo ya merogo le maungo ka Labobedi, tona wa temo-thuo, Rre Christian De Graaff a re lenaneo la ISPAAD le diretswe go rotloetsa temo eo.
O ne a tlatsa ka go re le dipatlisiso di setse di dirilwe go tshegetsa mhama oo. Rre De Graaff a re temo e e pataganetswe ke dikompone tse di farologaneng di akaretsa dibanka, Citizen Entrepreneural Development Agency, Youth Development Fund le National Development Bank.
A re maduo a setse a bonala gonne ka 2013/2014 temo ya merogo le maungo e godile ka go lemilwe dithane di le 5 000 go fetisa ngogola.
O rotloeditse balemi go oketsa temo le boleng jwa dijalo ka go sala morago dielo tse di beilweng. O kgothatsa balemi go dira lenaneo le le tlaa dirang gore ba kgone go ntsha dijo ngwaga le ngwaga.
A re go nna le temo e ntsi go dira gore ditlhwatlhwa tsa merogo di ye kwa tlase, jalo a rotloetsa balemi go lema dijalo tse di tshwanang le ditamati le ditapole ka di na le mmaraka o o kwa godimo.
A re le fa bagwebi ba reka merogo le maungo, balemi ba bantsi ba ngongoregela ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse ba di duelang.
O tlhalositse fa puso e se mo seemong sa go laola seemo seo, a bolela gore tsela nngwe e ba tokafatsang bokgoni jwa go buisana le bagwebi ke jaaka ba fetola Botswana Horticulture Market gore e nne yone e rekisetsang bagwebi le baji bareki maungo le merogo.
A re puso e rotloetsa dithoto tse di dirwang mo gae, jalo ba kgothatsa baji-bareki go reka maungo le merogo ya mo gae fa e le gore boleng le ditlhwatlhwa tsa teng di siame.
Fa a bua ka kgang ya go laola dithoto tse di tswang kwa ntle ga lefatshe leno, tona a re ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa go bona gore dithoto tsa mo gae di na le boleng e bile di lekane go lebilwe phetogo ya seemo sa loapi.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya bagwebi
Date : 31 Jul 2014