Breaking News

Mhama wa di-tswa mmung o a gola

31 Jul 2014

Go akanyediwe gore mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, meepo ya lefatshe leno e tlaa bo e godile go menagane.

Mookamela Botswana Chamber of Mines, Rre Charles Siwawa a re lefatshe  leno  le humile di-tswa mmung mme tse dingwe  di ntse di a bonwa go dikologalefatshe, a tlatsa ka go re  boitseanape jwa meepo e sa ntse e tsile go nna kgwetlho mono gae ga mmogo le lefatshe ka kakaretso.

E rile a bua mo thuto puisanong e rulagantswe ke lephata la kgotetso le metsi le Botswana Chamber of  Mines, Rre Siwawa  a re  ba ne ba ntse ba tsaya baitseanape  go tswa mo kgaolong eno le lefatshe ka bophara mme seo ga se kake sa diragala mo nakong e e tlang.

A re se se molemo ke gore lefatshe leno jaanong le simolotse go ithutela batho ba lone go emelelana le letlhoko le.

A re  mo nakong e e fetileng, ditshipi di ne di kopanngwa mono di bo di romelwa kwa mafatsheng a motlakase le baitseanape ba leng teng, mme a tlhalosa fa go supegile gore go dirwa ga ditshipi mono go botoka go na le go di romela kwa mafatsheng a sele.

A re gape go tlhalosiwa gore ga se gore motlakase o nne teng o le montsi fela mme gape o tshwanetse  wa bo o le  tlhwatlhwa tlase ka gonne  dipitsa tse di dirisiwang go gakolosa ditshipi di dirisa motlakase oo montsi fela thata.

Rre Siwawa o tsweletse a re go nna le bomaitseanape  ke sengwe sa konokono ka gonne go tlhokana le boitseanape jo bo kgethegileng mo meepong, a tlatsa ka gore go akola  di-tswa mmung  go tshwanetse ga lebelelwa  mo go reng go tsisa boleng mo lefatsheng e seng fela gore go lebelelwe thekiso ya tsone.   

A re sebaka sa  go bona ditiro mo lefatsheng leno ga mmogo le dipoelo ka lekgetho ke sengwe se se teng fa go lebilwe dipoelo mme seo ga se kake sa ikgatholosiwa fa go lebilwe seemo sa letlhoko la ditiro se se apereng lefatshe le mo nakong eno.

Rre Siwawa a re go na le koketsego ya tiriso ya kopore ka gonne batho ba a oketsega ka jalo a re kopore e e ntshiwang ga e na go kgona go lekana palo ya batho fa e se fela fa go ka bulwa meepo e mesha.

A re ka 2017 go tlaa bo go na le tlhaelo ya kopore fa e le gore go tlaa bo go ise go bulwe meepo e mesha, a supa fa tlhwatlhwa ya kopore le yone e tlaa tsholetsega ka gonne e tla bo e sa lekane batho ba ba teng.

Fa a bua ka iron ore (tshipi), a re e sa ntse e le ntsha mo lefatsheng leno, ka jalo a re go tshwanetse ga tshwaraganwa le mafatshe a mangwe go kgona go dira gore meepo e akolwe ke setshaba, a supa fa India le China di  tlhokana le tshipi fela thata.

Tona wa kgotetso le metsi, Rre Kitso Mokaila o  tlhagisitse dikhamphani tsa meepo go thapa Batswana ba ba  rutetsweng  ditiro tsa meepo, a tlatsa ka go re  go seka ga nna baitseanape bape ba ba tlaa thapiwang go tswa kwa ntle fa go na  le Batswana ba ba rutetsweng tiro eo.

A re puso e tsere tshwetso ya go laela lephata la pereko le selegae go tsenya leitlho mo meepong go netefatsa gore ba diragatsa kgang ya go thapa Batswana, a supa fa  go sa tshwanela gore go batlwa baitseanape  ba ba setseng ba le teng mo lefatsheng leno kwa mafatsheng a sele, mme go tshwanetse ga  direlwa Batswana ditiro gore itsholelo le yone e tokafale. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : Thuto puisanyo

Date : 31 Jul 2014