Breaking News

Bojalwa bo nyoboka isago

31 Jul 2014

Kgosi wa Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Bokau Tobe, a re ga a tsosiwe ke ka fa banana ba motse wa gagwe ba ikamantseng le go itontela nnotagi ka teng.

Kgosi Tobe o ne a bua se a itekodisa mothusa tona mo ofising ya ga Tautona, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri yo o neng a etetse motse oo.

A re go nwa bojalwa phetelela mo go dirwang ke banana ba motse oo, go a ama ka jaana ba se na sepe le bokamoso jwa bone mme ba ipeile fela mo go tlholeng ba bonwa ba le mo majalweng.

A re ga go supege fa ba na le kgatlhego mo go ikopeleng go thusiwa ka mananeo a teng a ntshitsweng ke puso go tlhabolola matshelo a bone, a tlatsa ka gore sa bone ke go tlhola ba iphetotse go nna ba kgarakgatshega.

O boleletse mothusa tona fa le ditlhopha tsa metshameko mo motseng, tsa moopelo wa dikhwaere le ditlhopha tsa mmino wa Setswana tse di neng di ntse di le teng, di saletse kwa morago ka ntata ya bojalwa.

Kgosi Tobe a re se se tshosang ke gore, se, se tsisa matshosetsi a gore ngwao e nyelele mme e tlhoke go bonwa ke bo setlabosheng.

Mo go tsibogeleng mafoko a ga kgosi, mothusa tona Rre Matlhabaphiri o ne a re o maswabi fela thata ka dikgang tse di seng monate tse di tlang ka Kgosi Tobe, mme a kopa botsadi go tsaya maikarabelo a go supegetsa bana tsela ya nnete gonne bojalwa bo ka se age bokamoso jwa ga ope.

A re banana ke bone ba go beilweng mo go bone gore ba tsoge ba tsamaisa lefatshe leno, mme fa ba itlhakatlhakanyetsa isago mo nakong eno, fatshe leno le tsoga le wetse ka lemena.

E rile a itebaganya le banana ka sebelebele, Rre Matlhabaphiri o ne a ba gakolola go ipatla le go ipatlisisa, go itsaya ka tlhoafalo mmogo le gone go gakologelwa fa ba na le mosola mo setshabeng.

A re ba tshwanetse ba ikamanya thata le go dira dilo tse di mosola, tse di kgatlhang leitlho mme e bile ba ka bokwa thata ka tsone, go na le go ikamanya le go dira tse di fatlhang, tse di ka se keng tsa ba isa gope

Mothusa tona Rre Matlhabaphiri o ne a etetse banni ba motse wa Malwelwe go ya go lekodisanya le bone ka di kgang di ama bolwetse jwa segajaja jwa HIV/AIDS, nyeletso lehuma le ba-na-le bogole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lilian Pelontle

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 31 Jul 2014