Selabe se tla le motsaya kgamelo - Rammidi
31 Jul 2014
Mopalamente wa Kanye bokone, Rre Kentse Rammidi a re batho ba dirisa lenaneo la nyeletso lehuma go bula masaka a ba bangwe.
Mopalamente Rammidi o buile mafoko a jaaka a ne a araba matshwenyego a kgosana ya kgotla ya ga Mafhikana mo phuthegong ya kgotla e a neng e e buisiwa maabane.
A re mananeo a tla a le mantle go tswa kwa pusong, mme bangwe ba a dirise go dira borukutlhi jaaka go supega bangwe ba utswela ba bangwe dipodi go ya go di rekisetsa ba ba thusiwang ka nyeletso lehuma.
Rre Rammidi a re batho ba go nna jalo ba kgona go ya go tsena mo masakeng ba olela dipodi,selo se a reng se diphatsa ka go lebega ba ka nna ba gobatsa beng ba dipodi a re kana go ntse go tsewa gore mo masakeng go di a bo di sireleditswe.
O bile a bolelela phuthego e gore Palamente e dumalane ka mogopolo wa gore go dirwe ditlhatlhobo tsa boranyane tse di ka supang gore namane eo mmaayo ke ofe go thusa ba bosekisi.
Rre Rammidi a re puso e golotse madi a diphaephe tsa kgopo ya metsi a a leswe, a tla a re gape go tlaa gokelwa metsi go tswa kwa Artesia go tla go thusa motse wa Kanye a re mo nakong eno go kabo setse go feditswe ka diphaephe tse tsa metsi a a leswe.
A re mo nakong e go sa ntse go emetswe go tsenya malapa mangwe a a neng a tlogetswe, a re se se ka tsaya dikgwedi di ka nna pedi go ya kwa go tse nne. Rre Rammidi a re pego ya mafatshefatshe le supa fa Botswana a latlhegetswe ke P76 billion a re se ke sesupo sa gore tshenyetso setshaba e kwa godimo. Fa a amogela baeng, kgosana Rre Dennis Mosielele o ne a bolela fa borukutlhi bo le bontsi mo ga Mafhikana,a tla a re morafe o tshwanetse go tshwaragana le mapodisi go bo lwantsha,a re mapodisi ga a kake a kgona ba le nosi.
Rre Mosielele a re borukutlhi jo bo diragala mo malapeng le mo dikgaolong mme batho ba itira ba ba sa bo boneng, a re ba tshwanetse go bo begela mapodisi ka dinako tsotlhe fa b abo lemoga e le tsela nngwe ya go bo thibela.
O bile a re kgaolo ya Mafhikana e na le mathata a matona a a metsi a tota ga a itse gore matsapa di ka tswa di a tsaya kae,a bo a re mangwe a mathata ke diphuthego tse o fitlhelang di laleditswe motho di le tharo ka nako e le nngwe.
Phuthego e ne ya leboga mopalamente e re ke lantlha ba bona motho yo o tshwanang le ene yo o kgonang go leboga batho ba ba mo tlhophileng ba bo ba mo eleletsa masego.
Rre Kagiso Moleti o ne a re o lebogela puso le mopalamente Rammidi gore ba bo ba rebotse gore boora Seno ba bewe lefatshe go na le go thubelwa jaaka go ne go builwe pele. E re ka jaana go le mo paakanyong ya pulo ya ofisi ya kgotla eo, Rre Moleti o ne a kopa mopalamente go ba thusa ka P1 000 yo ba tlaa mo dirisang mo pulong.
Rre Alice Monageng ene o ne a re o tshwenngwa ke kgang ya batho ba e a reng ba sena go bolaya ba bangwe ba bo ba letlelelwa go letela tsheko kwa ntle, a re o ipotsa gore gare go tseneng fa o ka re go bolaya motho go letleletswe jaana.
Rre Thabiso Chabalala ene a re BMC ga e na phadisanyo ke sone se go nnang fela go na le tlhakatlhakano teng, a re nako e tsile ya gore go neelwe batho teseletso ya go rekisa nama kwa ntle ga lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaelang Rantopele
Location : KANYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 31 Jul 2014