Bontsi bo akola Nyeletso Lehuma
30 Jul 2014
Batho ba le makgolo a mararo le metso e lesome le botlhano ba tsene mo mananeong a mangwe a nyeletso lehuma fa e sale a simolodisiwa mo kgaolong ya Kgatleng ngogola.
Se, se builwe ke mogolwane mo ofising ya boipelego, Mme Balezi Makubati.
Mme Makubati a re mo bathong ba ba makgolo a mararo le metso e lesome le batlhano ba, ba le lekgolo, masome a supa le boraro ba ne ba le mo Kgatleng Bophirima, fa ba le lekgolo, masome a mane le bobedi ba ne ba le mo Kgatleng Botlhaba.
A re mananeo a a akaretsa go roka, felo kwa go tlhatswetswang diaparo le matsela teng, madirelo a dubang borotho le semausu. “Maneneo a tsweletse, a gola mme fela ka bonya,” a bua jalo, a tlatsa ka gore “gongwe ke ka gore lenaneo le ke gone le simololang mo kgaolong e.”
Mme Mukubati a re morago ga go tlhatlhelela baakodi, ba ne ba ba fa tsotlhe tse ba tla di tlhokang go simolola dikgwebo tsa bone, se a boletseng se ne sa fetola maikutlo a bone le ditlhaganyo e bile se ne sa fetola matshelo a bone fela thata ka jaanong ba ne ba na le tsela e ba ka dirang madi ka yone go kgona go itshetsa.
Fela, o ne a re, dikgwetlho dingwe di folodisa go gola le go atlega ga maneneo a. Lengwe la mabaka a ke go tlhoka dikago tsa dikgwebo tse di farologaneng tse, fa ntlheng e nngwe e le go tlhoka go berekisana ga baakodi, go bua jalo Mma Mukubati, a tshwaela ka gore dikgwebo dingwe di bona phadisanyo e kwa godimo mo dikgwebong tse di ntseng di le teng e bile di itshetletse. Jaanong, ka ntla ya se, lephata la boipelego le ne la bereka thata go leka go tsenya mowa wa bojammogo le tirisano mo baakoding ba mananeo a.
Mme Mukubati a re lephata la gagwe le ne le ikaelela go tlhatlhelela baakodi mo go tshegetseng, go tsamaisa le go godiseng dikgwebo tsa bone.
A re dikgang di tshwana le tsa botsogo le tshenyetso setshaba, ke dingwe tsa tse baakodi ba rutilweng ka tsone go kgona go phadisanya.
O ne a rotloetsa Batswana go dirisa mananeong a mangwe a lekang go godisa setshaba, go tlhama diphatlha tsa mebereko, e le tsela nngwe ya go lwantsha lehuma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2014