Breaking News

Komiti ya Thabala e gatetse pele

30 Jul 2014

Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Thabala mo kgaolong ya Legare e sa tswa go akgolelwa go bo e gatetse pele go tsisa ditlhabololo mo motseng oo.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke komiti eo ka Labobedi, go rolela morafe pego ya ntlha ya ngwaga, banni  ba  lebogile go menagane go bona komiti eo e  gatetse pele e bile e na le tebelopele ka ba re e supa fa e tlhoafaletse go ntsha maduo  ka jaana e kgonne go diragatsa maikaelelo a yone a go tsenya madi ka go rekisa ditena mo motseng.

Ba re kgwebo e ya go foroma ditena e bogadi bo gaufi  e bile e na le dipoelo tse di ka tlhabololang motse wa bone. Komiti eo gape e ne ya iteelwa legofi go bo e tsweletse ka go tokafatsa seemo sa ntlo lohalahala ya motse ka go e  ntshafatsa le go e gokela motlakase.

 Ba tlhalositse fa kgokelo eo  e tla godisa dipoelo tsa yone ka jaana badiragatsi ba ne ba nyafalela go e dirisa ka e ne e sena ditlamelo tse di tsepameng jaaka one motlakase. Ba re selo se, se ne se ba tshwarisa bothata ka ba ne ba tlamega go dirisa dijeneraitara tse ba tlhalosang di ne di sa ba solegele molemo ka gope.

 E re go ntse jalo, banni ba kopile komiti go sekegela tsebe selelo sa bone sa gore sekole sa bana se se ntseng se emisitswe se tsene mo tirisong ka ke gone kwa moding wa thuto ya ngwana o simologang teng.

Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Kentse Botshelo o tlhalositse gore le fa ntswa tiro ele ya go direla motse ka boithaopo e tlhokana le neelano le therisano le morafe ka jalo ba bone tshwanela gore ba bitse phuthego go tla go amogana dikitso le dikgakololo le bone.

 O tlhaloseditse banni gore ke bone seipone sa motse ka jalo ba tshwanetse go lekodisana ka tse di amang motse wa bone.

Modulasetilo o boletse fa a tshwenngwa ke gore bangwe ba ba hirisitseng matlo a VDC  ga ba duele madi a khiriso.

A re bangwe ba na le go dirisa seemo sa matlo ele seipato sa go sa go dueleng le mororo ba ne ba amogetse go tsena fela mo matlong ao, ka fa ba a neelwa ba sekaseka seemo le mohirisi mme ba dumelane go tsena fela.

O tlhalositse fa go sa duelweng sentle ga matlo ao go ba baya ka fa mosing go tsweledisa ditlhabololo tse dingwe tsa motse ka jaana ba ikaegile ka madi a go dira ditlhabololo.

O tsweletse a re o akgola khansele go bo e ba solofeditse go ba tswa thuso mo dikolotong tse komiti  e lwang ka tsone.

O bile a tshepisa banni gore ka ba kgathala ka go tlhabolola motse wa bone, ba mo dipuisanong le kompone ya Mascom go tsaya teranka ya nteletse wa bobedi e e itsegeng ka leina la Kitsong Centre, ka jaana monana yo a neng a e abetswe a sale a e phuagantse ka 2012.

A re teranka e, e ne ya abelwa motse oo e le maiteko a kompone eo go atametsa ditlamelo kwa go bone jaanong go lebega go ne ga folodisiwa ke monana yo a neng a filwe marapo a go e tsamaisa. Rre Botshelo o supile fa selo se, se kokonela banni ka ba latela ditlamelo di akaretsa go dira meriti, go romela melaetsa le tsotlhe tsa maranyane kwa Serowe mme gole turu fela thata. ENDS

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Jul 2014