Breaking News

Dijo tsa setswana di molemo

30 Jul 2014

Dijo tsa Setswana di siametse botsogo jwa ngwana.

Fa a bua kwa letsatsing la go supa le go rutuntsha setshaba ka botlhokwa jwa dijo tsa Setswana kwa Takatokwane bosheng, mogolwane go tswa mo lekalaneng la tsa botsogo jwa setshaba, Mme Yvonne Chinyanga o  boletse fa dijo tsa Setswana e le tsone konokono mo go tsiseng kgolo e e babalesegileng mo ngwaneng ka jaana di na le dikotla tse ngwana a di tlhokang e bile di siametse mebele ya batho fa go lebilwe seemo sa malwetse a nako eno.

Mme Chinyanga a re ntswa dijo tsa Setswana di kaiwa di siametse botsogo, go lebega Batswana ba atisitse go tseela tsa segompieno kwa godimo e bile ba di tlwaeditse bana le mororo di tletse mafura mo godimo ga moo di tura.

A re dijo tsa setso di tshwana le dinawa ga di na mafura a mantsintsi e bile mmele ga o sokole go di sila. O tsweletse a re go botlhokwa thata gore batsadi ba netefatse gore ba thibela mmopamo mo baneng ka go dirisa dijo tsa Setswana ka gonne mmele o o akolang dikotla tsotlhe o nna o itekanetse e bile o sa tshabelelwe ke makoa.

O gakolotse Batswana go itemela dijo tsa setso ka  e bile puso e buletse mananeo a a rotloetsang temo a tshwana le la ISPAAD, mo go supang fa e nyoretswe go bona Batswana ba tshwere ka natla ba itirela dijo.

Mme Chinyanga o gateletse botlhokwa jwa go amusa ka lebele, a kaya fa e le yone konokono mo go tsiseng kgolo e e babalesegileng mo leseeng.

Fa a ntsha la gagwe, mmaboitekanelo wa kokelwana ya Takatokwane, Mme Lorato Moshomo o supile fa ba ne ba bona go tshwanela  go rulaganya letsatsi le go tla go lemotsha batsadi ka botlhokwa jwa dijo tsa Setswana mo kgolong ya ngwana morago ga go lemoga fa bontsi jwa bana bo bopama ka ntata ya tlhaelo ya dikotla.

A re ntswa bana ba latlhegelwa ke nama mo go kalo, ba lemogile fa batsadi ba sena kitso e e tletseng ya gore dijo tsa Setswana di ka aga le go nonotsha ngwana fela jaaka tsa segompieno, a tlatsa ka gore tlhaelo ya dikotla mo ngwaneng e borai fela thata ka e ka baka le lone loso.

E ne e rile go le pele, Kgosi Motsiele Tsiane a gakolola banni ba motse oo go dirisa lenaneo la temo-thuo la ISPAAD go itemela dijo tsa setso go tila go sokodisiwa ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo.

A re go botlhokwa thata gore banana ba rutwe ditso tsa lefatshe leno go akarediwa le tsone dijo tse di neng di jewa bogologolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Thutuntsho

Date : 30 Jul 2014