Breaking News

Maphata a tshwanetse go thusa

30 Jul 2014

Mothusa-tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re puso e laetse gore maphata otlhe a yone a tsenye letsogo mo lenaneong la go thusa banni ba ba kgakala le ditlamelo.

Fa a lekodisa banni ba Sehunou ka lenaneo leo ka Labobedi, Mme Tshireletso a re ntswa ba sale ba rotloetsa maphata go tsaya karolo fa lenaneo leo le simolola ka 2010, khuduthamaga ya puso e ne e ise e laole jalo. 

A re mo nakong eno khuduthamaga e laotse gore maphata otlhe a itlame go thusa ba ba kgakala le ditlamelo, e bile a tshwanetse gore a wetse tema e ba tlaabong ba e segetswe mo ngwageng tse di lesome.

“Fa molaodi le mokwaledi wa khansele ba re ba Sehunou ba tlhoka thuso maphata a tshwanetse go ema ka dinao go thusa” a tlhalosa Mothusa tona o ne a supa fa maiteko a go agela batho ba metse eo matlo, go ba thapa mo ipelegeng ka dipalo tse dibotoka fela thata, le go ba thapa mo ditirong tsa puso go ntse go tsweletse. 

Mme Tshireletso a re mo nakong eno go setse go thapilwe batho ba metse eo bale makgolo a mane le metso e mene mo maphateng a a farologanyeng a puso.

 O ne a supa gape gore lephata le le duelelang bana ba ba yang kwa dikoleng tsa ithutelo tiro le setse le thusitse bana ba metse eo bale makgolo a marataro le masome ale boferabobedi le metso e mene, fa dikhansele di setse di thusitse bale makgolo a ferang bobedi le masome a mararo le metso e mene mo dithutong tsa tiro tsa diatla. 

O ne a supa matshenyego gore bangwe ba ba fiwang dithuso tsa puso ga ba di tlhokomele, bogolo jang batho ba ba fiwang dithuso tsa dipodi le dikgomo, a re gole gantsi ba tlhaba dipodi ba di je.

Fa a tsibogela mafoko magwe a banni ba koo, ba ba kaileng fa ele ba morafhe wa Bakgalagadi, ba ba neng ba ngongorega ka gore go thusiwa batho ba morafe wa Basarwa mo lenaneong leo fela, Mme Tshireletso a re se gase boammaruri.

 O ne a kgala kgang eo a sa kgwe mathe e bile a kopa banni ba kgaolo eo go tswa mo dikakanyong tsa mofuta oo, a re ba tla rotloetsa semorafe se se ka kgoberang kagiso ya bone. Le fa go ntse jalo, a re fa ele gore kgang ya mofuta oo e ka tswa e diragala ka tsela nngwe, batho ba ba dirang jalo ba tshwanetse go begelwa boeteledipele.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Onalethata Mathakwaneng o ne kopa koketso ya matlwana a borutelo, a tlhalosa fa go tlhaela matlwana a borutelo a le lesome le botlhano mo godimo ga a a mane a a leng teng. 

Mme Mathakwaneng a re seemo se, se ka ama thuto ya bana ka bana bale bantsi ba tsenela kwa ntle. O ne gape a supa letlhoko la matlo a barutabana a re badirela puso bale lesome le borerabobedi ba tlhoka boroko, a supa fa barutabana ka bontsi ba tsoga kwa Serowe. 

O ne gape a kopa tlhatloso ya kgotla le phatlalatso ya motlakase le metsi mo motseng gore batho ba kgone go akola ditlamelo tseo. O ne a kopa gore go okediwe dipompo tse di nosang setshaba.

Fa a amogela tona mo motseng wa gagwe Kgosi Madala Sianang Gabagopolwe o ne a kopa gore kgotla ya bone e tlhatlosiwe maemo le koketse ya matlwana a borutelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 30 Jul 2014