Breaking News

Maloko a BOPEU a thusa ka dipompo

30 Jul 2014

E rile bosheng maloko a BOPEU a a direlang kwa lekalaneng la Botswana Examinations Council (BEC) ba rola semmuso dipompo tsa metsi di le thataro, tse ba neng ba di tsenyetsa banni ba metse ya kgaolo potlana ya Mabutsane.

Dipompo tseo, tse di lopileng madi a a kana ka P18 000, di ne tsa kgaoganngwa ka metse ya Mabutsane, Keng, Morwamosu, Mahotshwane, Sekoma, le tse pedi kwa motseng wa Khonkwa.

Erile a bua kwa tholong semmuso ya dipompo tseo kwa Khonkwa, mokwaledi mogolo wa BOPEU, Rre Tobias Malenga, a akgola babereki bao, a supa fa tiro e ba e dirileng e supa bopelotlhomogi mo setshabeng. 

A re go botlhokwa gore babereki ba thuse bang ka bone ba bo ba nne le seabe mo go tokafatseng matshelo a ba ba tshelang le bone.

O boletse fa tiro e ba e dirileng e tlaa netefatsa fa maloko a makgotla a babereki e se diingaodi jaaka bangwe ba akanya, mme ba kgathala ka matshelo a ba bangwe bogolo jang ba itsholelo e e kwa tlase. 

Rre Malenga a re tiro e e dirilweng ke babereki bao e tshwanetse go akgolwa ka jaana metsi e le botshelo jwa motho e bile go sena sepe se se ka tswelelang go sena metsi. 

A re botlhokwa jwa metsi mo botshelong jwa motho bo ka tshwantshanngwa le bonno le botsogo, ka ele tsone konokono ya botshelo.

E rile a latlhela la gagwe, mogolwane go tswa kwa BEC, Dr Moreetsi Thobega a re ere ntswa se se dirilweng ke babereki ba gagwe e se sa thuto, go na le fa go tsenngwa ga dipompo mo malwapeng go ka amang tokafatso ya thuto ka teng. 

A re tiro e e dirilweng ke badiri ba BEC ke e kgolo e bile e ba godisitse e le ba Botswana Examinations Council.

 A re tsholofelo ke gore malwapa a tsenyeditsweng dipompo ao a na le bana ba sekole, ka jalo, se, se tla thusa go godisa le go tokafatsa thuto ya bone. 

O ne gape a rotloetsa ba malwapa a a tsenyeditsweng dipompo tseo go somarela metsi ka gore ntle le moo, jaanong ba tlaabo ba ipiletsa dikgwetlho di sele. 

O kgadile mokgwa wa go siela leruo metsi mo dipompong tsa mo lwapeng, a re se se kgatlhanong le melawana ya lephata la metsi.

E rile a a fa malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Sekoma, Rre Makalare Ngomme, a re ere ka jaana baagi ba kgaolo eo ba le bane ba ne ba seka ba kgona go thusiwa ka dipompo, ba tlaa kopana ele boeteledipele go bona gore kgang e e ka rarabololwa jang. 

A re go utlwala fa kwa tshimologong go ka bo go gokeletswe malwapa a le lesome dipompo mme ka go tlhoka ditlankana tsa ditsha bangwe ba ne ba duwa ke mpho eo ka phatlha tsa menwana.

 O tshepisitse fa kgang eo e tlaa salwa morago gore ba ba saletseng kwa morago le bone ba thusiwe.

E rile a bua mo boemong jwa ba ba amogetseng dipompo, Mme Kebonye Rabashengwa a supa fa dipompo tseo di ya go dira pharologanyo e kgolo mo malwapeng a di tsentsweng mo go one. 

O kopile badiri bao go tswelela ba thusa ba ba dikobo dikhutshwane kwa kgaolong potlana ya Mabutsane go thusa go lwantsha lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Go rolwa semmuso ga dithuso

Date : 30 Jul 2014