Mokgatlho wa bomme o abela Scottish
30 Jul 2014
E rile bosheng mokgatlho wa bomme wa Botswana Council of Women wa abela sepatela sa Molepolole Scottish Livingstone ditilo di le masome mararo ka ba bolela fa sepatela seo se na le le letlhoko le le tona la ditilo.
Ba supile fa ba lemogile gore batho, bogolo jang bagodi, ga ba na se ba nnang mo go sone fa ba tlile go tlhola balwetse mme ke ka moo ba boneng go le maleba gore ba abele sepatela ditilo tseo.
Fa a bua mo boemong jwa mokgatlho, Mme Lebelelang Maswabi o supile fa e se lantlha ba abela sepatela se mme e bile ba itlamile go tswelela ba se abela. O supile fa letlhoko la madi le ba beile ka fa mosing ka mokgatlho ele wa boithaopo mme a solofetsa fa ba tla a tswelela ba ntsha se ba nang le sone ka sejo sennye se sa fete molomo.
Fa a amogela ditilo, kgosi kgolo wa Bakwena Kgosi Kgari Sechele o supile fa mowa wa bopelotlhomogi o ka isa Botswana kwa pele, a tlhalosa fa le lengwe la matshego a yone ele
tshaba e e lorato e bile ele kutlwelobotlhoko.
Kgosi Kgari o rotloeditse ba ba eletsang go aba go dira jalo ba sa lebe gore ba aba go le gontsi kana gole gonnye ka gonne go lesego letsogo le le abang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : George Ntshane
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kabo dimpho
Date : 30 Jul 2014