Kgang ya bogosi jwa Shoshong e a kekelela
30 Jul 2014
Banni ba dikgotla tsa Phaleng le Bokaa kwa Shoshong ba dumelane mo phuthegong e ba neng ba e tshwere bosheng go dira dipopelelo tsa go ngongoregela go tlhoka go rarabololwa ga kgang ya bogosi jwa motse wa bone.
Moteledipele wa lekoko le le tlhomilweng go etelela pele kgang ya bogosi jwa Shoshong Rre Matlotlo Ramokwena, a re e re ka tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane ba sa kgona go rarabolola kgang ya bogosi ka nako e e tshwanetseng jaaka Tautona a ne a laetse, jaanong ba dumelane go dira dipopelelo tse di tlaa felelang ka go neela molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego.
Banni ba motse wa Shoshong segolo jang ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba ntse ba sa utlisisanye sentle le ba kgotla yoora Kgamane morago ga gore motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane a neele Rre Felix Kgamane bogosi jwa Shoshong jo bo neng bo ntse bo tshwerwe ke Kgosi Sejakgomo Ntsaga yo a neng a tlhomiwa morago ga loso lwa ga Kgosi Lebelwane Mosinyi.
Rre Ramokwena o rile e re ka tona Siele le Kgosi Kgamane ba sa ikaelele go rarabolola kgang ya bogosi jwa motse wa bone, e le banni ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba tsere tshwetso ya go dira dipopelelo go ngongoregela go tlhoka go tsaya ditshwetso tse di maleba ga ga Rre Siele le Kgosi Kgamane mabapi le bogosi jwa bone, jo ba reng bo lebagane Kgosi Sejakgomo Ntsaga boemong jwa ga Kgosi Felix Kgamane.
O boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore ka letsatsi la dipopelelo le le tlaa dumelanwang ka Sontaga wa beke eno,batho ba kgotla ya Bokaa ba tlaa simolola mogwanto kwa kgotleng ya bone fa ba Phaleng le bone ba tlaa simolola mogwanto oo kwa kgotleng ya bone go ya go goroga kwa kgotleng kgolo ya Shoshong kwa ba tlaa neelang molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego.
Rre Ramokwena o rile fa TautonaLt. Gen SeretseKhama le tona Siele ba sa ikaelele go sekegela dingongorego tsa bonetsebe ba tlaa tseela kgang eo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko. Pego e e tswang kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae e bolela fa tona Siele a tlaa kopanela phuthego le makgamu a a amegang kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro mo Mahalapye mabapi le ngongorego ya bogosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng.
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya morafe
Date : 30 Jul 2014