Kgosi o kgala dipolaano
30 Jul 2014
Go itseela botshelo ga se tsela nngwe ya go rarabolola mathata ka gonne fa ele gore motho o na le kgang le yo mongwe o tshwanetse go kopa thuso mo go bangwe ba a ba tshepang go rarabolola mathata go na le gore a itseele ditshwetso tse di duleng mo tseleng.
Kgosi Abel Kgaboyarona wa Thabala mo kgaolong ya Legare o boletse se mo potsolotsong bosheng, a supa fa a tshwenngwa ke dipolaano tse di golelang pele mo motseng wa gagwe tse a reng di ama banana segolo bogolo .
O tsweletse a re puisano ke yone konokono ya go sidila maikutlo a a fapogileng e bile a sa eletsege mo sethong.
O kgothaditse banana go ikgapha mo nnotaging a re ke yone e rotloetsang mowa o o bosula ka e ntsha motho mo tlhaloganyong ya setho, e mo dirise diphoso tse a di ikotlhaelang morago.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Kgaboyarona o akgoletse morafe wa gagwe go bo o tlhoafaletse mananeo a puso a nyeletso lehuma a tshwana le LIMID, la tshwingwana ya merogo ga mmogo le la banana le a reng ba le tsere tsia ngwaga ono.
O boletse gore fa ba ka inaakanya le mananeo ao, matshelo a bone a tla tokafala fela thata ka a tla ba thusa go inamola mo lehumeng le le ba apereng go na le go ikaega mo pusong nako e ntsi.
A re go le pele banana ba ne ba na le poifo go ikopela dithuso tsa madi a banana, ba bolela fa ba tshaba go ikgolega mme mo nakong eno go supagala gore ba na le dikitso tse di tsepameng le gone di tlhamaletse tsa kadimo ya madi ao ka kgatlhego ya bone e le kwa godimo fela thata.
O kopile beng ba masimo le didiba go tswa banana thuso fa ba kopa go di dirisa go itshimololela dikgwebo ka ba na le kgwetlho ya mafelo a ba ka a dirisetsang go gweba, gonne seo e tla bo e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa go latela meamuso ya khumo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 30 Jul 2014