Breaking News

Moemedi wa setlhopha o leboga Khama

30 Jul 2014

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o lebogetswe go dira gotlhe mo a ka go kgonang go sireletsa le go thusa batho ba a ba eteletseng pele.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Onalekitso Monnaatsheko, wa setlhopha sa mmino sa Velast kwa Maun, o supile fa Tautona Khama a bone go le botlhokwa go tla ka mananeo a nyeletso lehuma go leka go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Batswana.

Rre Monnaatsheko yo e leng mongwe wa bafenyi ba ngwaga ono ba dikgaisano tsa malatsi a ga tautona, a re go botlhokwa go nna le motsadi wa selebego sa ga Tautona Khama ka mananeo a a beileng Batswana pele a tswa tema e bile a boloka seriti sa setshaba seno.

O supile fa mananeo ao a thusa Batswana fela thata, segolo bogolo banana ka a tlhalosa fa go lebega ba a kgatlhegela ka ba a tsenelela ka dipalo tse di kwa godimo go tswa khutlong tsotlhe tsa lefatshe leno. 

A re Tautona Khama o supile fa a kgathala ka setshaba se a se eteletseng pele ka go amogana se a nang le sone le morafe wa gagwe ka a re go a bonala Batswana ba a tlhabologa e bile ba a rutega.

Rre Monnaatsheko o supile fa Tautona Khama a le pelontle e bile a sa kgetholole ope. A re ke ene tautona wa ntlha go etela morafe mo dikgotleng go utlwa matshwenyego a bone le go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. 

O tsweletse a re Tautona Khama o na le mowa wa go direla, ka a kgathala ka Batswana go na le ene mme a re gape o tsaya nako ya gagwe go lekola Batswana mo metseng le mo magaeng a a kgakala le ditlhabololo jaaka a Okavango le Kgalagadi.

 A re Tautona Khama o dirile go tlala ka diatla go tokafatsa seemo sa bonno jwa Batswana ka go tla ka lenaneo la go agela batlhoki bonno.

Rre Monaatsheko o supile fa Tautona gape a rotloetsa banana mo go tsa bodiragatsi, bokgeleke le mmino ka madi, selo se a supileng se tswa maduo e sale  a tsaya puso. 

A re o itumelela thotloetso e a e boneng mo go tsa bodiragatsi le mmino  ka a re setlhopha sa gagwe se  kgonne go bona P52 000 ka kakaretso e sa le ba simolola go tsenelela dikgaisano ka 2010 . 

 O supile fa thulaganyo eo e tokafetse fela thata mo dingwageng ka banana ba itshupa ba eme ka dinao go ntsha bokgeleke le bodiragatsi jo bo farologaneng.

O tsweletse a tlhalosa fa dikgaisano tsa ga tautona di kgonne go godisa setlhopha sa Velast e bile se kgonne go golola kgatiso ya sone ya bobedi ka madi a ba a fentseng , ka jalo o rotloetsa banana go tsena mo mananeong a a teng go leka go itirela bokamoso  le bana ba bone. 

Le fa go ntse jalo, o rotloeditse banana go tlhoafalela thuto ka a bolela fa  e le yone tshoso e rweleng mo botshelong jwa motho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 30 Jul 2014