Mosadi thari ya setshaba
29 Jul 2014
Mokwaledi wa khansele ya toropo ya Jwaneng, Rre Dick Kalantle o kopile bomme go tsaya boikarabelo jwa go lwantsha kgokgontsho ya bong.
O buile jalo kwa thuto seka dipuisanyong ya tekatekanyo ya bong e e neng e rulaganyeditswe badiri ba khansele eo ba bomme bosheng. Rre Kalantle o gwetlhile bomme go emela kgokgontsho ka dinao ka jaana gantsi e le bone ba amegang ka dipalo tse di kwa godimo.
A re e re ka jaana mosadi ele thari ya setshaba, go botlhokwa gore ba tlotlwe ebile dikgang tsa kgokgontsho di emelwe ka dinao di lwantshiwe.
A re e re ntswa bogologolo dikgang tsa kgokgontsho e ne ele sephiri sa malwapa, nako e gorogile ya gore di ntshediwe mo pontsheng gore ba dira molato ba aramele mosi. O boleletse batsena phuthego eo gore ke boikarabelo jwa botlhe go kua mokgosi fa ba bona kgokgontsho epe fela e diragalela bang ka bone.
A re go ngomola pelo gore ebe go santse gona le bomme ba ba begang dikgang tsa kgokgontsho kwa mapodiseng mme ba tloge ba di tsholole bakgokgontshi ba ise ba atlholwe. A re se se nyemisa moko ebile se kgoreletsa maiteko a puso a go lwantsha kgokgontsho ya mofuta o.
Bangwe ba bomme ba neng ba tsene phuthego eo ba supile fa bomme le bone ba na le seabe mo go rotloetseng kgokgontsho ka gone go phimola dikgang tsa kgokgontsho kwa mapodiseng. Ba supile fa bontsi jwa bomme ba beile mo banneng ka jalo ba bona go ka nna thata fa bakgokgontshi ba bone ba ka ya kgolegelong
Ba boletse fa gape go le botlhokwa gore bana ba basetsana ba fiwe tlhokomelo e e tseneletseng gore ba seka ba dirisiwa botlhaswa ke borre.
Ene erile a ala maikaelelo a thutho seka dipuisanyo eo, mmueledi wa dikgang tsa bong kwa khanselelng ya Jwaneng Mme Nurse Oaitse a re ba bone go le maleba gore ba rute bomme ka kgaokgontsho gore le bone ba e tlhaloganye mo go tseneletseng.
A re gape ba ne ba batla go sedimosa bomme ka melawana e itebagantseng le dikgang tsa tekatekanyo le kgokgontsho ya bong, gammogo le dithuso tse di leng teng tsa batho ba ba kgokgontshiwang.
Godimo ga moo, Mme Oaitse o boletse fa maikaelelo a mangwe ene ele gore batsena phuthego ba tswe ka maano a a farologanyeng a a ka thusang go lwantshang kgokgontsho ya bong.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Thuto-puisano
Date : 29 Jul 2014