Tshwaragano ke konokono - ratoropo
29 Jul 2014
Madomokrag ba kgaolwana ya Makopong-Draihoek mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba kopilwe go gakololwa gore ba seka ba itlhaba ka thipa mpeng gape jaaka gotwe ba ne ba dirile mo ditlhopong tse di fetileng tsa 2009 ka go tlhopha phathi ya kganetso.
Kgakololo e, e builwe ke ratoropo wa Jwaneng, Rre Amos Johana, yo e neng e le sebui sa tlotla sa letsatsi la tshupo ya ntlhopeng wa mokhanselara wa phathi ya Domkrag wa Makopong le Draaihoek bosheng.
Rre Johana o ne a rotloetsa balatedi ba phathi ya Domkrag go tlhopha thata ka dipalo tse di kwa godimo mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba ka kgwedi ya Phalane mono ngwaga.
O ne a kopa gape balatedi ba phathi eo go tshwaragana ba nna seepo sengwe, ka tirisano mmogo, bopelotelele le lorato, ka seo se ka ba kgontsha go fenya mo ditlhophong tsa monongwaga.
Ratoropo wa Jwaneng, yo ebileng gape e le leloko la komiti ya legare mo phathing eo, o ne a kopa Madomokrag go roma Rre Kotloemang Lebokwane kwa khanseleng ka a na le bokgoni e bile ba mo tshepa.
A re mo ngwageng tse tlhano tse di fetileng kgaolo ya Kgalagadi e boetse kwa morago thata mo ditlhabolong, nako e e neng e le mo di atleng tsa mopalamente wa phathi ya kganetso.
Rre Johana o ne a ba kopa go tlhopa Rre Frans Van Westhuizen wa phathi ya Domkrag, ka e le moemedi yo o nonofileng e bile a na le tebelopele go ka ba emela kwa palamenteng.
Fa a tswa la gagwe Rre Lebokwane, o ne a tlhalosa fa a itlamile go direla setshaba ka pelo yotlhe ka go tsisa ditlhabololo mo metseng eo, le gone go tsweledisa mananeo a puso a ntseng a le teng le go tlhomamisa gore a diragadiwa, ka a thusa thata mo go tokofatseng matshelo a Batswana; a kaya fa seo se ka kgonagala fela fa ba ka mo tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo go mo roma kwa khanseleng.
Dibui ka go farologana, barati le balatedi mo phathing eo, ba ne ba rotloetsa thata madomokrag go tlhoka go tsiediwa ke bo ntlhopheng ba diphathi tsa kganetso mo ditlhophong tse di tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 29 Jul 2014