Breaking News

Banana ba kopilwe go tshepa Modimo

29 Jul 2014

Banana ba kgothaditswe go ikgethela go direla Modimo ka malatsi otlhe a botshelo jwa bone go bona ditshegofatso le gore ba kgone go aga boitsholo jwa bone.

Fa a simolodisa semmuso bokopano jwa banana jwa ngwaga le ngwaga kwa kerekeng ya Revelation Blessed Peace Church of Botswana ka Matlhatso, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri a re go tlhoka tsebe ga banana go a tshwenya ka jalo, go botlhokwa gore banana ba godisediwe mo kerekeng, ka jaana go ka thusa thata go aga boitsholo jo bo lolameng le go ba fa tshedimosetso ya go itse pharologanyo ya bolemo le bosula,a iteela kobo moroko ka mafoko a a reng “poifo ya Modimo ke tshimologo ya botlhale”.

O ne a ba kgothatsa go ikanya Modimo mo go tse tsotlhe ba di eletsang go di dira go tokafatsa matshelo a bone, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go rorisa Modimo ka metlha yotlhe, go ka tswa go le botlhoko kana go le monate.

O ne a ba kgothatsa go nna le tumelo e e nonofileng ka se se ka thusa go godisa serodumo sa kereke gore e nne le sekao mo setshabeng ka kakaretso.

Rre Phiri o tsweletse ka go kgothatsa banana go amogana maele ka dithuto tsa sedumedi le bankabone gore ba kgone go fetola maitsholo a bone go na le bogakolodi bo bo nonofileng.

O ne gape a gwetlha banana go ikgapha mo ditirong tse di sa eletsegeng jaaka go ikamanya le go nwa majalwa le go dirisa diribatsi, a tlhalosa fa di sa age motho, di koafatsa seriti sa gagwe.

Rre Phiri o ne a tlhalosa fa ditiro tsotlhe tse di sa amogelesegeng mo setshabebeng di ka aperelwa ke ditlhokwa fela fa banana ba ka ineela mo Modimong.

O ne a tswelela ka go kgothatsa dikereke go dira ka natla mo go ageng lefatshe leno gore le tswelele go rena kagiso le thokgamo.

O ne a kopa boeteledipele jwa kereke go nonotsha banana mo go ba feng maele a go itirela botshelo ka se se ka thusang go fema seemo sa tlhaelo ya ditiro mo bananeng ka jaana ba ka kgona go itlhamela dikgwebo gammogo le tlhamela bankabone diphatlha tsa mebereko ka se se ka imolola goromente morwalo.

O ne a tlatsa ka gore banana gammogo le batsadi banne le mowa wa go a ba ka jaana gatwe “go sego letsogo le le abang” a tlhalosa fa se se ka thusa go fetola matshelo a bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong go nna mo seemong se se eletsegang.

O kopile komiti ya banana go tla ka methale ya go tshwana le ditlhopha tsa metshameko, dikhwaere le metshamekone e farologanyeng ya itloso bodutu go di dirisa go fetisa melaetsa ya go fetola boitsholo kwa bananeng ba bangwe.

O ne a kgothatsa batsadi le bone go nna sekao mo baneng ba bone, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go ruta bana molao o o tsepameng gore ba tsoge e le babusi ba ba nang le boikarabelo.

Fa a tswa la gagwe, Mookamedi Mogolo Rre Tshwaranang Kepaletswe o gakolotse banana go lebagana le dikgwetlho tsa botshelo ka maatlametlo segolo bogolo ba inaakantse le lefoko la Modimo.

O ne a gwetlha banana go tlhopha baeteledipele ba ba nang le bokgoni le boikarabelo ka ba ka thusa go godisa serodumo sa tsamaiso ya kereke go ya isagong.

Rre Kepaletswe o ne a kgothatsa maloko a kereke go direla Modimo ka pelo tse di phuthologileng ka se se ka thusa go fema makgwere a ba ka kopanang le one mo botshelong le gone go tsamaya ba rera lefoko la Modimo mo setshabeng go jwala peo ya go nna le kitso.

Mo go tse dingwe, o ne a ba akgolela tiro e ntle ya go fetola selebego sa bukana ya bone ya “lebega dikgang”ntswa go ne go na le makgwere a madi go ka gatisiwa go nna mo seemong se se kgatlhang leitlho ka jalo a kgothatsa maloko a kereke go reka bukana e go thusa gore e tle maiteko a bone a go e tokafatsa a atlege.

Bokopano jo bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Go dirisa bomolemo jame go fetola matshelo a ba bangwe”” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LOBATSE

Event : Bokopano jwa banana ba kereke

Date : 29 Jul 2014