Breaking News

BOPSSA e tlhabolola metshameko

29 Jul 2014

Lekana la Botswana Primary Schools Sports Association (BOPSSA) le thusa go tlhabolola metshameko ya bana ba dikole tse di potlana ka go e oketsa le go e anamisa le lefatshe leno ka bophara.

Rre Gaongalelwe Jacob, yo e leng morulaganyi wa metshameko e mo kgaolong ya Kgalagadi, o boletse mo dikgaisanong tse di neng di tshwaretswe kwa Tsabong bosheng gore moono wa lenaneo la BOPSSA ke go godisa talente ya bana go tswa kwa moding  gore ba kgone go felela ba le kwa mankalengkaleng. 

A re bana ba tshwanetswe go fiwa sebaka sa go ntsha bokgeleke jwa bone mo metshamekong ka e se botlhe ba ba abetsweng mo dithutong tsa go bala le go kwala.

Le fa go ntse jalo, Rre Jacob o boletse fa barutabana ba sena nako e ntsi ya go katisa bana ka ba patikiwa ke nako ya tiro, mme a tlhalosa fa seo se baka itshidilo e e khutshwane mo baneng ka jalo ba felele ba sa ntshe bothakga jotlhe jwa bone. 

O kopile thotloetso mo dikomponeng le mo setshabeng ka kakaretso go thusa ka go ba rekela didirisiwa tsa metshameko gore ba kgone go gola le go feta mo metshamekong.

O tsweletse a re ba ne ba dirisa metshameko e go tlhopha ditlhopha tse di yang go emela kgaolo ya Kgalagadi kwa makgaola kgannyeng kwa Francistown. 

O boletse gore le ntswa go ne go na le ditlhopha tse di neng di supa bokoa, maduo a metshameko a a kgotsofatsa fela thata.

Mo kgweleng ya dinao ya basetsana,  Kgalagadi South West ke bone bo mmampudi ba salwa morago ke Kgalagadi South East, fa mo basimaneng Kgalagadi South East ba bone maemo a ntlha ba latelelwa ke  Hukuntsi Botlhaba.

Mo go tsa bolotloa, Kgalagadi South East ke yone e fentseng, ba salwa morago ke  Hukuntsi West . 

Mo motshamekong wa volley ball, Kgalagadi South East e tsere maemo a ntlha mo setlhopheng sa basimane le basetsana, mme basetsana ba Hukuntsi West bone ba tsaya a bobedi, basimane ba Kgalagadi South West le bone  ba tsaya a bobedi.

Mo motshamekong wa Cricket, go fentse setlhopha sa basetsana sa Hukuntsi West, fa mo letlhakoreng la basimane, Kgalagadi South East ele yone bafenyi. Mo dikgaisanong tsa chess, kgaolo  e ya go emelwa ke  Thabang Lehume wa Kolonkwaneng, Phalalo Kotokwe go tsweng Khuis, Badisa Mhire wa Kang le Botshelo Tumaeletse a tswa Middlepits mo basimaneng fa mo basetsaneng go tla a bo go na le Gosego Sethibo, Matshidiso Manene, Katso Keneilwe botlhe ba tswa Khuis le Thekololo Kukune go tswa Tshane.

Mongwe wa batsamaisi ba metshameko mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Tiroyaone Bahula a re ba kopana le dikgwetlho tse dintsi fela thata tse di akaretsang letlhoko la didirisiwa tsa metshameko jaaka dibolo, kapari le mabala a a siametseng go ka tshamekela. 

O supile fa letlhoko le, le ba ama fela thata ka le dira tiro ya bone thata.

Batsamaisi ba ngongoregile gape ka boitseme jwa batsadi mo go direleng bana ditlankana tsa matsalo ka e le tsone tse ba di dirisang mo dikgaisanong. Ba kaile gape gore thotloetso ya bone mo metshamekong  e a reketla.

Rre Ponatshego Modiakgotla, yo e leng motsamaisi wa cricket o akgoletse  BOPSSA go oketsa metshameko, a bolelela fa moo go thusa bana le mo dithutong tota. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Keiketlile Kelefhile le Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Dikgaisano tsa metshameko

Date : 29 Jul 2014