Ba ganeditse magatwe
29 Jul 2014
Maloko a phathi ya Botswana Democratic Party, BDP, Rre Tiro Seloma le Oliphant Mfa ba ba fentsweng mo ditlhophong tsa bulela ditswe ba latofaditse dipego tsa gore ba tlhanogetse phathi ya bone e bile ba eme bontlhopheng bangwe ba kganetso nokeng.
Fa ba bua kwa phuthegong ya phatlalatsa ya go supa ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta, Rre Polson Majaha le makhanselara a gagwe kwa Nata bosheng, Rre Seloma o boletse fa mo ditlhophong go na le go fenya le go fenngwa, mme a re ke dilo tse a emetseng ditlhopho a ntse a di solofetse ka jalo o ka seke a tlhanogele phathi ka lebaka la gore o fentswe.
O tsweletse a bolela fa ba tla a tsamaya mo kgaolong go bolelela ba ba neng ba mo setse morago go tshwaragana le maloko a mangwe go tlhopha Rre Majaha, a tlatsa ka gore batlhophi bao ga se ba ga ope ke ba phathi ya Domkrag ka jalo ba tshwanetse go thusana le yo o tlhophilweng go fenya kgaolo.
Fa a otlelela mafoko a ga Rre Seloma, Rre Oliphant Mfa o boletse fa mafoko a a buiwa ele a batho ba batla go ba senya maina ka dikgang tse di senang lepele le morago. Rre Mfa o boletse gore ke leloko la motia la Domkrag ka jalo o ka seke a kgaoganngwe le phathi e a tswang kgakala le yone, a supa fa se se buiwang ele ditlontlokwane tse di batlang go thuba phathi fela.
O kopile batlhophi ba kgaolo eo go tlhopha ntlhopheng oo, a gatelela gore fa ba ka raelesega ba tlhopha phathi e sele e tla a bo e le go itlhaba ka thipa mpeng fela.
Fa a tswa la gagwe, Rre Majaha o supile fa a ne a na le poifo go ka kopa kemo nokeng le dikgakololo mo go bone mme ka ba tlhatswitse ketsaetsego e e ntseng e le teng ba tla tshwaragana go ngokela batlhophi mo phathing eo.
Rre Majaha o ba tshepisitse fa a tla tswelela ka go emela dikeletso tsa bone le go tsweledisa ditlhabololo tsa kgaolo ka jalo a kopa maloko go tlhokomela dikarata tsa bone tsa Omang le ya ikwadiso ditlhopho gore ba kgone go latlhela tlhopho ya bone ka Phalane.
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe yo e neng ele sebui sa letsatsi, o kopile batho ba kgaolo ya Nata/Gweta go tlhopha Rre Majaha mo ditlhophong tse di tlang gonne ke monana yo o ka kgonang go thusa le go tsweledisa maitlamo a phathi.
A re go bo batho ba kgaolo eo ba mo ntshitse kwa khanseleng ba mo isa kwa palamenteng ba kgotsofalela tirisano mmogo ya gagwe le bone.
O ile a gwetlha maloko a Domkrag go lebala ka diphathi tsa kganetso a re sa tsone ke go kgala fela, a tlatsa ka gore phathi ya BDP e na le motlhala o mang le mang a o bonang. O tsweletse a bolela fa puso e na le mananeo a tshwana la ISPAAD, Ipelegeng le la banana go leka go tokafatsa matshelo a Batswana.
Rre Kwelagobe o boletse fa kgaolo ya Nata/Gweta e itsege fa e le boremelelo jwa Domkrag ka jalo a kopa batho ba kgaolo eo go ikgata motlhala go baakanya fa go senyegileng teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 29 Jul 2014