Rammidi o leboga banni ba kgaolo
29 Jul 2014
Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Bokone, Rre Kentse Rammidi o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe go bo e rile ka 2009 ba mo roma go nna moemedi wa bone kwa palamenteng.
O buile jalo mo metseletseleng ya diphuthego tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa Lekgolobotlo, Kgomokasitwa, Ranaka le Moshaneng.
A re o lebogela gore ba berekile mmogo ka mowa wa kagiso le neelano mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng a ba a tlhalosa fa a kgonne go ntsha megopolo kwa palamenteng ee maleba le kgaolo ya bone le e e amang lefatshe leno ka bophara.
Mengwe ya megopolo o supile fa ele wa matlhabelo a Lobatse a Botswana Meat Commission o a bolelang fa a ne a kopa puso go tlhotlhomisa madubadube a a neng a a apesitse matlhabelo ao mme puso ya felela e ntsha lekoko le le neng la tlhotlhomisa dikgang tseo.
A re o dirile jalo ka a itse fa kgomo ele yone bokamoso jwa Motswana ka jalo BMC e tshwanetse ya bo ele mo seemong se se siameng gore e kgone go tokafatsa matshelo a Batswana.
Rre Rammidi o tsweletse a tlhalosa fa nako jaanong e tsile ya gore bagwebi ba bangwe ba letlelelwe go reka le go rekisa nama ya kgomo le ditswa kgomong, selo se mo nakong eno se dirwang ke BMC fela, a supa fa go dira jalo go ka ba thusa gore ditirelo le ditlhwatlhwa di tokafale go nale mo nakong eno.
O ba tlhaloseditse fa e tla a re kgwedi ya Phalane monongwaga a ba a emetse ditlhopho mme a ba kopa gore ba mo tlhophe gore a tswelele a emele dikeletso tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : KANYE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 29 Jul 2014