Breaking News

Tshere o kopa tlhopho

29 Jul 2014

Ntlhopheng wa phathi ya Botswana Congress wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, o kopile batlhophi ba kgaolo eo go mo tlhopha le makhanselara a gagwe mo ditlhophong tse di tla a tshwarwang ka kgwedi ya Phalane monongwaga.

Fa a buisa phuthegong ya sepolotiki bosheng, Rre Tshere o boletse gore fa phathi ya gagwe e ka neelwa marapo a go busa, ba tla itebaganya le go lwantsha letlhoko la ditiro ka go direla Batswana ditiro tsa sennela ruri, go tokafatsa seemo sa tlhaela ya melemo mo dikokelong le go okeletsa badirela-puso dikamogelo gore dituelo tsa bone di kgone go itepatepanya le seemo sa nako eno sa ditlhwatlhwa tse di tlhatlogang tsatsi le letsatsi.

Rre Tshere a re e re ka phathi e e busang e tswa kgakala e palelwa ke go tokafatsa matshelo a Batswana, go mo maruding a batlhophi go dira diphetogo ka go tlhopha mapolotiki a diphathi tsa kganetso mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba.

E rile ntlhopheng wa bokhanselara wa kgaolwana ya Xhosa 1, Rre George Andreck a ntsha la gagwe, a kopa batlhophi ba dikgaolo tsa Mahalapye Botlhaba le Bophirima go tlhopha bontlhopheng ba BCP mo ditlhophong tsa mono-ngwaga ka ele yone phathi fela  e e ka tlhabololang matshelo a bone.

Rre Andreck o tsweletse a tlhalosa gore  fa phathi ya gagwe e ka tsaya puso mo ditlhophong tse di tlang, e ya go direla Batswana ditiro tsa sennela ruri ka go tlhoma madirelo a sugang matlalo a dikgomo go dira ditlhako, madirelo a ditlolo le a  dikonopo le mafura a ditlhako.

O ganeditse magatwe a gore fa phathi ya BCP e tsaya puso e ka baka medumo le go kgokgontsha batho bangwe, a bolela fa seo ele dithama kgorwana e bile maikaelelo ele go senya phathi ya gagwe leina mo batlhophing.

Go sale foo, Makhanselara a phathi ya BDP ba ba neng ba latlhegelwa mo ditlhophong tsa peo letlhokwa ba boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong fa ba dule mo phathing eo e bile ba setse ba ikwadiseditse go emela ditlhopho tsa setshaba ele bontlhopheng ba ba ikemetseng.

Makhanselara ao, a akaretsang Rre Bantlhasetse Merementsi wa kgaolwana ya Otse kwa Shoshong , Rre Justice Tselanngwe wa Dilaene le Rre Kaptain Katinga wa Parwe botlhe ele ba  Mahalapye Bophirima, Rre John Masala wa Makwate le Mme Kgomotso Baatweng ba Mahalapye Botlhaba ba re ere ka dikgang tsa bone tsa go ngongoregela go tsiediwa mo ditlhophong tsa peo letlhokwa di sa tsewa tsia,  ba bone gole botlhokwa gore  ba ikemele ka nosi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya phatlhalatsa

Date : 29 Jul 2014