Puso ga e kgetholole - Venson-Moitoi
29 Jul 2014
Puso ga e kgetholole batho ka letso e bile molao motheo wa lefatshe le ga o nyenyefatse ope, ke ka moo Motswana mongwe le mongwe a nang le sebaka sa go ka tsena sekole go sa kgathalesege gore ke wa morafe ofe
Tona wa lephata la thuto, tlhabololo dikitso e bile ele mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi e rile a rola ntlhopheng wa bokhanselara wa phathi ya BDP wa kgaolo ya Moiyabana, Rre Phirinyane Orakanye bosheng, a tlhalosa gore batho ba ba tsamayang ba bua dipuo tsa gore puso ya lefatshe leno e a kgetholola ga ba bue nnete e bile ba seka ba reediwa ka ele bone ba rotloetsang semorafe.
Dr Venson-Moitoi o tlhalositse gape gore go nale mapolotiki mangwe ba e rileng ba sena go fenngwa mo ditlhophong tsa phathi ya BDP ba bo ba re ba nna mekoko, mme ke bone ba buang dipuo tse di maswe tse.
A re batho ba tshwanetse go ikgapha mo dipuong tse di tshwanang le tse ka ke tsone tse di dirang gore mafatshe mangwe a nne le dintwa ntateng ya semorafe se se rotloediwang ke sepolotiki se se senang boammaaruri.
O gateletse gore puso ya lefatshe leno le e tsaya botlhe ka tekatekano mme le ditlhabololo e di kabakanya go ya ka gore madi a teng, le bana kwa dikoleng ba rutiwa fela ka go tshwana go sa twe bangwe ba tswa ntlha nngwe ya lefatshe.
O kopile banni ba motse wa Moiyabana go ikgatholosa dipuo tse mme ba tswe mo go ba ba di buang ka di ka isa batho kwa bosuleng. Tona o tsweletse a kopa morafe go ruta bana ba bone sentle e se re gongwe dipuo tse ba di isa kwa tlhogong ka di ka tsala mowa fela o o sa siamang mme ba seke ba gole sentle.
Fa a rola Rre Orakanye, Dr Venson-Moitoi o kopile banni ba motse wa Moiyabana go mo amogela ka e tla bo ele ene matlho a gagwe gore ba tlhabolole matshelo le motse wa bone.
O kopile Rre Orakanye go dirisana le morafe sentle ka o supile fa o mo rata e bile a ka ba emela kwa khanseleng.
O mo kgothaditse gore a tshwaragane le ene gore a kgone go mmolelela tsotlhe tse batho ba motse ba di tlhokang.
Dr Venson-Moitoi o rotloeditse maloko a BDP go ema ka dinao bogolo jang ba ba ikwadiseditseng ditlhopho go tlhopha phathi ya bone le baemedi ba bone, a bo a ba kopa go itshekatsheka le go leba kwa morago go bona gore botlhe ba e neng ele maloko a BDP mme ba ikgogetse morago ba boela mo phathing go tla go nonotsha puso ya batho ka batho.
Fa a ntsha la gagwe, ntlhopheng wa bokhanselara wa phathi ya BDP, Rre Orakanye o lebogile banni ba motse wa Moiyabana ba phathi ya BDP go bo ba mo tlhophile ka bulela ditswe mme a tlhalosa gore fa a ka fiwa sebaka sa go ba emela kwa khanseleng o ikaeletse go bereka le bone sentle a ba direla ka nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya phatlhalatsa
Date : 29 Jul 2014