Breaking News

Letsema le thata ka mong

28 Jul 2014

Balemi barui ba kgothaditswe go tsena ka mmetela mo temo thuong gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng go dira gore lefatshe leno le emise go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele.

Fa a simolodisa semmuso ditshupo tsa kgaolo ya Machaneng ka Matlhatso, mothusa tona mo lephateng la temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi, a re go maswabi go bona lefatshe le le nang le dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi le ntse le ipusa jaaka la Botswana le sa ntse le palelwa ke go itirela dijo ntswa puso e tsweletse ka go dira mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tlhabolola seemo sa temo thuo.

Rre Molebatsi  o boleletse batho ba ba neng ba tsene ditshupo tseo gore fa Batswana ba ka tsena ka mmetela mo temo thuong  ba bo ba dirisa mananeo a puso jaaka ISPAAD le LIMID, go tlhabolola seemo sa temo thuo, lefatshe leno le ka emisa go dirisa madimadi go reka dijo kwa mafatsheng a sele.

A re e re ka lefatshe leno le tlhaelelwa ke mashi, puso e dule ka  mogopolo wa go reka meroto ya dipoo tsa mashi kwa mafatsheng a sele go e rekisetsa Batswana ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase gore ba kgone go ntsha mashi a ka rekisediwang bagwebi ba madirelo a tshwana le Choppies le Spar.

Mothusa tona a re ka ntlha ya diphetogo tse di sa iketlang tsa loapi, puso e tsere tshwetso ya go thusa Batswana ka mananeo a go phakisa  dipeo le menontshane, go  lemela batho ditema tse tlhano mahala, go ba agelela  masimo le go ba thusa ka melemo e bolayang diji le mhero mo masimong.

Rre Molebatsi o ne a  kopa balemi-barui ba kgaolo ya Machaneng go ipaakanyetsa letsema le le tlang ka go ntsha disana le makabu, go agelela masimo le go baakanya di dirisiwa tsa temo di akaretsa  diterekere le dipolantara.

A re fa Batswana ba ka inaakanya le methale ya segompieno ya go lema ka ditselana le go tsosolosa makgotla a dikoporase, lefatshe leno le ka kgona go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le letlhoko la ditiro le go lebegang le apesitse dikgaolo ka bontsi kobo ka letshoba.

Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Obakeng Siamisang o tlhalositse fa maikaelelo a ditshupo e le go neela balemi-barui sebaka sa go abelana megopolo le go tsaya maele mo go ba bangwe ka tse di tsamaelanang le go tlhabolola seemo sa temo-thuo.

Rre Siamisang o boletse gore fa e sale puso e neela Batswana boikarabelo jwa go tsamaisa ditshupo tsa dikgaolo tsa bone boemong jwa lephata la temo thuo, seriti sa tsone se wetse tlase ka jaana badirelapuso ba goga dinao mo go thuseng ka dipalamo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Ditshupo

Date : 28 Jul 2014