Ba Ntsweletau ba simolodisa ditshupo
28 Jul 2014
Ditshupo tsa Lentsweletau tse di neng di tshwerwe ka mafelo a beke, di simolotse di le boutsana morago ga gore balemi ba kgaolo eo, ba tseye tshwetso ya go simolodisa ditshupo tseo morago ga lebaka le le leele di sa tshwarwe.
Ere ka Ramasedi a segofaditse lefatshe leno ka dipula tse dinamagadi, balemi ba kgaolo eo, ga ba a kaba ipona tsapa mme ba nna moono mongwefela go simolodisa ditshupo ka thobo ya monongwaga e ne e le ntsi gore ba kgone ba tsosolose serodumo sa temo mo kgaolong.
E rile a amogela baeng mo motseng wa gagwe, Kgosi Motswasele Kgosidintsi, a lebogela letsatsi leo go bo le le lesha mo go bone morago ga dingwaga ditshupo di sa tshwarwe.
Le fa gontse jalo kgosi o kaile fa a sa itumelela go bo batsayakarolo ba akaretsa ba lalediwa ba tlotla ba sa iponagatsa ko ditshupong tseo a re selo se, se baya ditshupo ga mmogo le one motse ko tlase.
Mongwe wa barulaganyi ba ditshupo, Mme Emily Mathwanye are fa ba baakanyetsa ditshupo, ba ne ba lebanwe ke dikgwetho tse di ntsi. Are ba eletsa gore lebala la ditshupo le baakangwe le tle le lebege ka ebile go kailwe go na le tshenyo le leswe le le dirwang mo lebaleng leo.
O tsweletse ka gore ere ntswa thobo e nnile ntsi monongwaga, balemi ba santse ba na le kgwetlho ya diterekere tse a kaileng fa di tlhaela. O boile gape are bangwe ba balemi ba ganelela ko ipelegeng selo se areng se isa temo ko tlase.
Le fa gontse jalo, mme Mathwanye o kopile dithuso gore ditshupo tsa motse oo di atlege ngwaga o o tlang. O kgothaditse balemi gore ba eme ka natla go tsosolosa ditshupo tsa motse oo.
E ne yare a simolodisa ditshupo semmuso, mopalamente wa kgaolo Rre Moeng Pheto a kaya fa a rolela barulanyi ba ditshupo tseo hutshe go bo ba kgonne go phutha morafe go tla go keteka ditshupo tseo ntswa ba nnile le dikgwetho tse ba nnileng le tsone.
Le fa go ntse jalo are balemi ba seka ba ipona tsapa ba tlelwa ke boitlhobogo. Are o eletsa gore balemi barui ba gopolane, ba itseye motlhala ba bo ba itshekatsheke gore ba bone gore ba ka tokafatsa ka tsela e e ntseng jang.
O boile gape are mo kgaolong ya selemisi ya kweneng botlhaba, batho ba teng ba itshetsa ka temo thuo ntswa le fa ba ne ba sa tlisa disupiwa tse di bonalang. Are bothata jo bo tona jwa bone ke goreditlhwatlhwa tse ba lebogwang ka tsone fa ba tla go supa diruiwa tsa bone di ko tlase.
Are barui bangwe ba itlhophetse go supa leruo la bone ko ditshupong tsa Gaborone go na le mo ditshupong tsa dikgaolo ka gore lemmenyana la teng le botoka. Are go dira jalo go baya ditshupo tsa dikgaolo kwa tlase.
Mme le fa gontsejalo o gwetlhile balemi barui go itse bomosola jwa ditshupo a tlhalosa gore ditshupo ke mmaraka o ba ka supang leruo kgotsa temo ya bone mme bareki ba itse gore fa ba setse ba batla go reka ba ka bona kae dilo tsa go nna jalo.
O rotloeditse balemi go tsaya temo thuo jaaka kgwebo ebile ba itseye tsia gore kamoso ba ijese ga mmogo le ba malapa a bone.
Fa a wetsa o kopile komiti ya ditshupo go baakanyetsa ditshupo tsa ngwaga o o tlang nako e sale teng gore ba kgone go kopa dithuso ka nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Ditshupo
Date : 28 Jul 2014