Breaking News

Domkrag ga e na go amogela mekoko

28 Jul 2014

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re boeteledipele jwa phathi ya Botswana Democratic Party bo tsere tshwetso ya gore ga ba kitla ba amogela ope yo o ngadileng mme a ya go emela ditlhopho e le moema nosi.

Rre Kgathi o boile seo kwa phuthegong ya phatlalatsa ya phathi eo ka Matlhatso kwa Mathathane. A re ba ba tlogetseng phathi eo go nna baemanosi kana mekoko ka ditlhopho ga ba kitla ba amogelwa mo phathing ya Domkrag.

A re maloko a tshwanetse go amogela fa ba fentswe mo phadisanong mme ba sale ba ba supilweng ke maloko morago.

Rre Kgathi phathi eo e a itlhaloganya ebile ga gona mo gotweng mokoko wa Domkrag mme a kopa ba setseng morago batho ba go nna jalo go boela morago.

Rre Kgathi yo gape eleng motshwaralela tona mo ofising ya tautona a re a re moloko a BDP a seke a etsaetsega ba sala morago ba ba ipitsang mekoko a supa fa yo o ipitsang Mokoko mo kgaolong ya Mathathane a ganne go amogela maduo a ditlhopho tsa peelo letlhokwa ka a re o tsieditswe.

O supile fa BDP e nale melao e e tsamaisang ditlhopho mme e ka se e robe go sala maikutlo a ope morago.

O kopile batlhophi ba Mathathane gore ba tlotle lesika le go tsalana mme ba seke ba sala motho morago motho le fa a timetse mme ba sale boammaaruri morago.

Tona Rre Kgathi a re Domkrag mo kgaolong ya Mathathane ya bokhanselara e romile Rre Mmotlana Tshebedi yo a kaileng e le moeteledipele yo o naleng boikarabelo ebile a nale boitsaanape ka a berekile puso ka lebaka le le leele.

A re kgaolo eo ya Mathathane le Bobirwa ka kakaretso mo bogaufing e tla akola metsi ka kago ya letamo la Thune e wetse ebile ditlhabololo di tshwana le kago ya borogo ja Platjan e tla thusa gore ditlhabololo di goroge mo kgaolong eo.

Rre Kgathi a re baganetsi jaaka phathi ya Botswna Congress Party e kgala BDP e ere ga e tsamaise merero ya lefatshe le sentle mme BCP e sena motlhala ope e e ka e supang gore e kile ya busa.

O kaile fa mananeo a BCP a se botoka mo go a Domkrag mme a kopa banni ba Mathathane go tlhopha BDP mo ditlhophong tsa sechaba tse di tlang.

Dibui tse dingwe Rre Power Moupi a re Batswana ba tshwanetse go tswelela ba tlhopha BDP ka e nale maikarabelo ebile mananeo a yone tsepame.

Fa Mme Florah Basiame ene a kopile banana le ope yo o tlhokang dithuso tsa puso go tsena mo diofising tsa puso go akola mananeo go tlhabolola matshelo a bone.

O kopile bagolo baya dikarata tsa tlhopho le Omang sentle ka go setse go nale bangwe ba ba ikaeletseng go fitlha dikarata tsa bone gore ba se kgone go tsaya karolo ka letsatsi la ditlhopho.

Fa Rre Gontsi Kebadiretse a re sepolotiki ga se tiro, a re ba ba se dirang gore ke tiro ba tsaya ditshwetso tsa go nna mekoko fa ba latlhegelwa ke ditlhopho. Bokhutlo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya phatlhalatsa

Date : 28 Jul 2014