Kgang e larile kwa Mokwena
28 Jul 2014
Mogwebi yoo tumileng mo Kweneng, Rre Clement Kgosiemang o gakolotse lekgotla le letona la kabo ditsha go ikuela kwa makgotleng a twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo fa ba tlhobaela ka go abiwa ga ditsha tsa gagwe.
Khansele ya Kweneng e ngangisana le Rre Kgosiemang ka setsha sa mabitla a Ratlhomelang se botlhe ba bolelang fa ele sa bone.
E rile a tsibogela dipotso tsa mothusa modulasetilo wa lekgotla le letona la kabo ditsha mo kgaolong ya Kweneng, Rre Kgosiemang a supa fa lekgotla le na le tshwanelo ya go tseela kwa pele kgang epe ya tshokamo mo kabong ya lefatshe fa le belaela gore ga go a dirwa dilo sentle.
Khansele ya Kweneng e isitse boikuelo fa pele ga lekgotla letona la kabo ditsha e ngongoregela gore Rre Kgosiemang o ikgagapeletse setsha sa mabitla se se abetsweng komiti ya VDC ya Ratlhomelang ka 1982.
Mmueledi wa khansele, Rre Yamikani Paston o supile Rre Kgosiemang ka monwana gore o ipateletsa setsha seo ka go tlhalosa fa khansele e na le mekwalo ya tlhomamo e e supang fa ba VDC e le bone beng ba setsha.
Mogolwane mo khanseleng ya Kweneng a itebagantse le tiriso ya lefatshe, Rre Lesang Setimela o tlhalositse fa moalo wa tiriso ya lefatshe la kgaolo eo, o o tlhomamisitsweng ka 2010 o supa ka botlalo fa setsha seo se sa supe tiriso epe ntle le mabitla a VDC ka jaana one o dirwa ka go rerisanya le ba ba amegang.
Mafoko aga Rre Setimela a iteetswe kobo moroko ke molebeledi wa lefatshe mo tikologong eo, Rre Ramochele Ketshogile le mohumagadi wa ga Rre Kgopolo Thipe gore peo ya setsha sa mabitla e ne ele yone ya ntlha mo lefelong leo.
Rre Kgosiemang ene o gateletse fa setsha seo e ne ele tshimo ya ga Rre Thipe e bile a sa tlhaloganye gore ke ka goreng mosadi wa gagwe a sa itse ka yone.
Mo bosuping jwa gagwe, Rre Kgosiemang a re VDC e a mo iphetlhela ka go supa fa pampiri ya teseletso ya VDC e beilwe monwana ke mongwe wa leina la Itshenkeng Tsheboyagae ka 2008 yo e neng ele moithuti.
O kaile fa a na le dipampiri tsa ditumalano tse di supang fa ele ene mong wa ditsha tsotlhe tse di belaelwang go akarediwa sa mabitla le ntswa go ne ga retela go supa mekwalo ya neelano jaaka ele tsamaiso go tswa mo go Rre Kgopolo Thipe, Kakanyo Monnaemang le Botlhoko ba eleng beng ba masimo a go buiwang ka one.
E re lentswa maiteko a dirilwe go supa fa setlankana sa mabitla se kwadilwe Mokgopeetsane eseng Magokotswane, Rre Kgosiemang o gateletse ntlha ya gore setlankana sa ba VDC se supa lefelo le sele ka jaana ele ene a beilweng kwa Magokotswane.
Le fa gontse jalo, Rre Kgosiemang o supile setlankana sa setsha sa mabitla se go neng ga nna le tlhobaelo ka gore se tlantswe ka setempe sa 2000 ntswa se abilwe ka 1973 pele ga makgotlana a kabo ditsha a nna teng mme a supa fa seo seka tlhalosiwa botoka ke bodiredi ka gongwe e ne ele tlwaelo go dira dilo ka tsela eo.
Morafe wa Bakwena e rile bosheng wa ikuela mo go Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama go tshereganya kgang eo mo phuthegong ya kgotla fa a ne a etetse kgaolwana eo.
Tona wa ditsha le matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o ne a supa fa ofisi ya gagwe e itse ka matshwenyego a morafe mme a solofetsa fa ba tla a tsibogela kgang eo go e latedisa sentle.
Morafe o supa ka monwana lekgotla la kabo ditsha le le tona go re le abetse gape Rre Kgosiemang lefatshe go aga matlhabelo kwa godimo ga dithaba tse di kwa bokone jwa motse wa Molepolole kgatlhanong le bogakolodi jwa komiti ya tiriso ya lefatshe ya DLUPU le lekgotlana la kabo ditsha la Molepolole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Kgang ya kabo-ditsha
Date : 28 Jul 2014