Sabata e fa Kgari tlotla
28 Jul 2014
E rile ka Tshipi, kereke ya Sabata ya bo e diretse kgosi kgolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III moletlo wa go mo fa tlotla go bo a supile boeteledipele jwa mo tia jo bo nonofileng ka go busa morafe wa gagwe ka lorato, boineelo, botlhale le poifo Modimo.
Fa ba amogela tlotla eo, magosi a motse ba kaile fa e le tiragalo ya ntlha go bona lekgotla la kereke le direla kgosi ya Bakwena moletlo wa mothale o. Kgosi Timothy Gaealaswe o boletse fa e le ditso e bile a rotloetsa makgotla a mangwe go tsaya malebela mo go ba Sabata.
Le fa gontse jalo, Kgosi Gaealaswe o gateletse gore le yone kereke eo e itiretse ditso ka go tlhompha bogosi jwa Mokwena a tlatsa ka gore, ga ba a direla kgosi kgolo fela mme ba tlotlile morafe wa Bakwena kakaretso.
O tsweletse a re o leboga mohumagadi, Mme Peggy Sechele go ema kgosi kgolo nokeng mo go nneng moeteledipele yo o botlhale yo gompieno a eletsegang e bile boitshwaro jwa gagwe bo mo tsiseditse tlotla e e kalo kalo.
A re okare bahumagadi ba bangwe ba ka tsaya malebela mo go ene. O tsweletse a re o dumela gore Bangwato ba tla ipela go bo setlogolo sa bone, Kgosi Kgari 111 a diretswe moletlo wa malebogo le kakgolo.
Fa a ntsha molaetsa wa malebo, moruti wa kereke eo gape e le mokwaledi mogolo wa Botswana Union Conference, Rre Kagelo Rakwena o tlhalositse gore ba itumeletse ketelelo pele ya ga Kgosi Kgari ka go bo dikereke didirisa kgotla ya gagwe ka tshosologo go galaletsa le go tsholetsa Modimo mo go yone.
O gakolotse gore kgosi nngwe le nngwe e tshwanetse ya tsaya malebela mo Modimong, a tlatsa ka gore fa motho a eteletse ba bangwe pele, o tshwanetse a nna modisa yo o molemo fela jaaka Modimo.
O tsweletse a tlhalosa gore go nna moeteledipele mo malatsing ano motho a itekanetse mo tlhaloganyong le mo botsogong jaaka kgosi Kgari III ke selo se sentle.
O gwetlhile kgosi le mohumagadi wa gagwe go nna sekai mo motseng wa Molepolole le lefatshe leno ka bophara.
O gakolotse kgosi gape gore fa motho a dira tshiamelo, motlhala wa gagwe o tla mo sala morago mme go tswe sengwe se se molemo.
O bile a re go nna tlhogo ke gore o nne le maikarabelo gore o tlogele motlhala o o siameng le lenko le le monate, ka jalo o rotloeditse kgosi go tswelela a tshepa Modimo le go o ikanya gore ene Modimo ka sebele e nne ene a mo tlhomamisang.
Kereke e ne ya abela Kgosi Kgari III sekano se mo go sone go kwadilweng melao e ‘some ya ga Moshe e le mpho ya go ipelela boitshwaro jwa gagwe le ketelelo pele e e lolameng.
E ne ya re a tswa la gagwe Kgosi Kgari III a lebogela mpho le tlotla eo, a bo a tlhalosa fa a eleletsa kereke eo masego le tshegofatso ya Modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Moletlo wa go tlotla kgosi
Date : 28 Jul 2014