Breaking News

Bangwaketse ba gana nang wa banyana

28 Jul 2014

Morafe wa Bangwaketse  kwa Kanye o ganne phatlalatsa therisano ya puso ya go bapatsa bontlha bongwe jwa polase ya Banyana e e tshwaragantseng Kgalagadi le Ga-Ngwaketse.

E rile ba bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le neng le romilwe ke puso gore ba ntshe megopolo ka bontlha bongwe jwa polase ya Banyana e puso e batlang e bapaletswa barui ba ba tla dirang dikgwebo tsa temo-thuo mo go yone le go thusa gore go dirwe eng ka babereki ba  polase eo,  mongwe wa dibui, Rre Ketumile Kaboeamodimo a bolela fa morero o tsile go le thari e bile ba filwe nako e khutshwane go sekaseka mogopolo mo godimo ga moo o gateletse fa go ka se kgonege gore puso e tseye polase eo.

Rre Mpho Kenosi o boletse fa puso e latlhile tsamaiso fa go tla mo go tsa therisano ka gore khuduthamaga e dirile fela e sa rerisa kgosi, mapalamente le morafe, fa Rre Keorapetse Dingalo ene a boletse fa morafe wa Bangwaketse o kgokgontshiwa ka lefatshe la bone mme e bile therisano e sa tsamaye sentle.

Rre Kabelo Gasennelwe ene a re kgang ya lefatshe e tona thata ka jalo e batla e tseelwa nako e telele gore Bangwaketse ba nne le seabe ka lefatshe la bone. O boletse fa lekgotla la balemi-barui le sa rerisiwa mme e bile a bolela fa dipolase dingwe kwa Banyana di neetswe batswakwa.

Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Leach Tlhomelang o supile fa kgang eo e se ntsha mme a bolela fa khuduthamaga e setse e tsere tshwetso jalo a kopa gore dipolase tse di bolelwang di fiwe batlhoki gore ba ruele dipudi tsa LIMID mo go tsone ka gore di bogadi bo gaufi e bile ba ka phunyediwa sediba mo teng.

Le fa gontse jalo, mookamedi wa polase ya Banyana, Rre Hudson Gabaitsi, o boletse fa thulaganyo ya go dira dipolase tsa Banyana tsa kgwebo e simolotse ka 2010, fa mohama o mongwe wa polase o ne wa segwa dipolase di le lesome mme di ferabobedi di filwe bagwebi morago ga go di bapatsa, e le nngwe ya fiwa babereki ba teng. 

A re tse tlhano di tserwe ke batswakwa fa tse nne di tserwe ke Batswana.

O tsweletse a re lefatshe le go buiwang ka lone la sehuba, bontsi ja lone bo mo Kgalagadi, mme Bangwaketse ba rerisiwa gore le bone ba ikopele, ba iteke lesego, a bolela gore lefatshe leo ke la puso, la dipolase tse di lesome e ne e le lone la  Bangwaketse.

Kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, o boletse fa a sa itumelela ditshwetso tsa puso le therisano ya yone gotlhelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya lekoko

Date : 28 Jul 2014