Ya mosimane ke e nkgwe
28 Jul 2014
Godiramang Keakantse yo o dingwaga di masome a mabedi le bone wa Chadibe o pegilwe dithupa tse nne ka Labotlhano ke lekgotla la setswana la Tonota morago ga go bonwa molato wa go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng.
E rile a rola katlholo, Kgosi Ramosenyi Radipitse a tlhalosa fa Keakantse a ne a latela mokapelo wa gagwe kwa lefelong la pereko makgetho a ka nna matlhano kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro, morago ga gore moikuedi, Mme Godiraone Matshego, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi, a bolelele mokapelo wa gagwe fa a sa tlhole a batla go tswelela a nna le ene.
Lekgotla le boleletswe fa e ne yare gone mo letsatsing leo, Keakantse a fitlhela Mme Matshego mo sepalamong sa setshaba mme a mo goga goga.
Mosekisiwa o ne a ipona molato mme a ikopela go sekegelwa tsebe ka a re o na le bana ba le babedi ba ba kwa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, a tlatsa ka gore le mokapelo wa gagwe o tlhokomelwa ke ene.
Fa a ntsha katlholo, Kgosi Radipitse o tlhalositse fa molato o a o dirileng e le o o ka mo isang kgolegelong sebaka se se sa feteng ngwaga jalo a bona a tshwanelwa ke go gamolwa phogwana ka dithupa tse nne gore a seka a boelela tiro eo gape mo isagong.
E ntse e le kwa kgotleng ya Tonota, Kgosi Radipitse o tsholotse kgang e mo go yone Batshabeng Buisang, wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, yo o tlholegang kwa motseng wa Dukwi go bolelwang a ne a seka a itshwara sentle mo setshabeng.
Se se tla morago ga gore mosekisiwa a tshosetse Mme Gaokgopege Mothupi, a mmolelela fa a tla a mo rema ka selepe.
Fa a fa bosupi, Mme Mothupi o boletse fa Buisang a mo tshoseditse a bo a mo leleka ka selepe morago ga gore ba tlhoke kutlwisisano mme mosekisiwa a seka a ipona molato ka ditatofatso tseo.
Rre Nkunde Ngakane yo go neng go bolelwa fa e le mosupi mo tshekong eo, o boletse fa ene a ise a bone ope a lelekilwe ka selepe mo letsatsing leo.
E rile a tsholola kgang, Kgosi Radipitse a tlhalosa fa bobedi joo bo itshiela phetelela mme e bile go lebega ba sa itekanela sentle mo tlhaloganyong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : FRANCISTOWN
Event : Tsheko
Date : 28 Jul 2014