Roma e rotloetsa ngwao
28 Jul 2014
Bishop Valentine Seane wa kereke ya Roma o boletse fa kereke eo e tlotla setso.
O bua jalo ka jaana go na le dilo dingwe tsa ngwao tse di siameng jaaka go rupa gonne go ruta banna le basadi ka go tlhokomela le go aga metse ya bone, ka jalo a re bone e le kereke ga ba ise ba bone sepe se se bosula se se dirwang koo.
Kereke ya St Conrads kwa Ramotswa e ne e ipelela dingwaga tse tlhano moruti yoo a ntse a eteletse pele kereke ya Roma mono Botswana. Bishop Seane o rotloeditse botlhe ba ba batlang go rupa go dira jalo, fela fa ba dumalane le ba malwapa a bone.
O boletse fa tiro ya gagwe e le go ruta, go busa le gone go itshepisa, mme segolo bogolo go golaganya kereke ya Botswana le e tona ya Vetican Universal Catholic Church.
Le fa gontse jalo, o tlhalositse fa go ne go se motlhofo go amogela maemo ao, jalo a kopile botlhale jwa nnete kwa Modimong fela jaaka kgosi Solomone a ne a dira, mme ka thato ya one o sa ntse a a tshegeditse ka botswerere.
Bishop Seane o kopile baeteledipele go kopa botlhale jo ka jaana e le jone fela bo ka ba kgontshang go dira tiro ya bone ka boammaaruri. O boletse fa molao wa Modimo o le popota, mme a tlhalosa fa mongwe wa molao o, o laela batho go rata baba ba bone, selo se a bolelang se palela Bakeresete ba le bantsi.
O boletse fa Modimo o le mautlwelo botlhoko, gape a sa felele batho pelo, jalo a kopa botlhe ba ba mo lefifing go ikotlhaya, ka jaana fa ba ka swa ba ise ba dire jalo, ba sena go bona nako ya go tlhola ba dira seo fa e se go emela katlholo fela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Letsatsi la go ipelela moruti
Date : 28 Jul 2014