Banana ba itshetsa ka ditalente
28 Jul 2014
Banana ba Mathangwane ba akgoletswe go bo ba tsweletse ka go supa boikarabelo ka matshelo a bone ka bontsi jwa bone bo sa nna fela ka mowa wa boitlhobogo, e bile bo sa inaakanya le dinotagi kgotsa ditiro tse di rotloetsang borukutlhi.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Itekeng Mathangwane o boletse gore le ntswa bontsi jwa banana bo lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, se se mo itumedisang ke gore kwa motseng wa gagwe banana ba dira maano a ba ka itshetsang ka one a a amogelesegang.
Kgosi Mathangwane o supile fa banana ba ipopile ditlhopha go ya ka ditalente tsa bone tse di akaretsang tsa kgwele ya dinao, bolotloa, moopelo, poko le metshameko ka go farologana fa bangwe bone ba inaakantse le tsa kgwebo.
O tlhalositse gore ka ditlhopha tse, banana ba supile mowa wa tshwaragano le go dira mmogo le gone go abelana megopolo.
O tsweletse a supa fa go tle go nne le dikgaisano tsa ditlhopha tse, e bile gape di tle di fiwe sebaka sa go diragatsa fa go na le ditiro di tshwana le manyalo, kabo dietsele kwa dikoleng kgotsa mo diphuthegong tsa kgotla mme ere morago ba lebogwe ka sengwenyana.
Go sale foo, Kgosi Mathangwane o kopile setshaba go rotloetsa banana gore ba supe ditalente tsa bone, a supa fa go dira jalo ele tsela nngwe e e ka thusang banana go ikgapha mo ditirong tse di sa amogelesegeng.
O bile a gwetlha banana go tswelela ba batla methale e ba ka itshetsang ka yone le gone go itirela bokamoso jo bo kgatlhisang.
A re ere ka jaana e le bone baeteledipele ba kamoso, go botlhokwa gore ba nne le tebelopele le boikarabelo, a tlatsa ka gore go tlhoka go atlega mo go tswelediseng dithuto kgotsa go bona ditiro tse di rileng, ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi mo go fitlheleleng ditoro tsa bone.
Kgosi Mathangwane o galaleditse banana ba motse oo ba ba ileng dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro le bangwe ba ba mo ditirong kwa mafelong a a farologaneng, a tlhalosa fa se se botlhokwa ele go dira ka natla go tsholetsa serodumo sa motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 28 Jul 2014