Moroki wa Gumare o ngangatletse thuto ya IFS
27 Jul 2014
Mme Ledia Marenga yo eleng mosegi wa diaparo kwa Gumare, ke mongwe wa Batswana ba ba akotseng dithuso tsa ba Integrated Field Services, IFS ka1993 mme o santse a ntse a tshwareletse.
Mme Marenga o boletse fa ba IFS ba ne ba mo isa sekoleng kwa Botswana Training Centre e e neng e le kwa Francistown ka nako eo, sebaka sa ngwaga tse pedi go ya go ithutela go sega diaparo, mme ya re morago ba mo thusa ka madi go simolola kgwebo.
A re le fa ntswa a simolotse go sega diaparo kwa lwapeng ka motshine o le mongwe, kgwebo ya gagwe e godile fela thata ka mo nakong eno o kgonne go reka metshini e e rokang e le mene a bo a thapa badiri ba le babedi.
Mme Marenga a re o ne a fiwa setsha ke ba kabo ditsha mme a se tlhabolola ka thuso ya ba IFS, jalo o kgonne le go hirisetsa batho dikamore tse dingwe. O tlhalositse fa maikaelelo magolo a gagwe ele go busetsa kwa pusong ka le ene e mo thusitse fela thata.
O kgadile fela thata bagwebi ba ba tlogelang dikgwebo tsa bone di nna leswe, a bolela fa go dira jalo go ka koba bareki e bile go isa kgwebo kwa tlase ka jalo o rotloeditse bagwebi ka ene go nna le boineelo gore ba tswelela pele.
O tsweletse a gakolola bagwebi gore ga ba a tshwanela go kopanya kgwebo le marato kgotsa ditsala, mme a ba rotloetsa go nna pelotelele mo kgwebong gore e tle e ntshe maduo le gone go tlhama mebereko.
Moroki yoo, o rotloeditse segolo bogolo bana ba basetsana go tsenelela mananeo a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Floridah Batshabeng
Location : GUMARE
Event : Puisano le mogwebi
Date : 27 Jul 2014