Bomme ba tswanetse go nna sekao
27 Jul 2014
Bomme ba kgothaditswe go nna sekao mo baneng ba bone ba basetsana ka go iphapa mo go rataneng le bakapelo ba le bantsi ka go dira jalo go ka dira gore ba tsenwe ke malwetse a tlhakanelo dikobo.
Kgothatso e, e builwe ke modulasetilo wa mokgatlho wa bomme ba sepodisi, Sergant Lucy Toto mo Tsabong mo phuthegong ee neng e tswenwe ke bomme ba sepodisi go tswa mo kgaolong ya Kgalagadi le ba maphata a puso aa farologaneng kwa Tsabong bosheng.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo sergant Toto o ne a tlhalosa fa e le go tla go ithuna dinta e le bomme ka fa ba ka fetolang boitshwaro le go tsaya boikarabelo mabapi le tsa tlhakanelo dikobo le marato aa e seng a nnete, go abelana maele le dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone mo botshelong le go tswa ka ditharabololo tsa tsone.
O ne a gape a tlhalosetsa bomme bao fa ba tshwanelwa ke go tlotla mebele ya bone ka e le tempele ya modimo ka nako tsotlhe le gore ba seka ba diga seriti sa bone ka e le bone thari ya setshaba.
Mme Toto o ne a kaya fa gape go nna le bakapelo ba le bantsi go ka felela go baka dipolaano tsa marato bogolo jang mo bananeng.
Mme Dineo Kgathileng mongwe wa mokgatlho wa bomme ba sepodisi o ne a tsibosa bomme gore ba seka ba letlelela borre go ba tshodisa bana ka maikaelelo a gore ba tla ba nyala mme morago ba fetogele ditsholofetso tsa bone.
O ne a ne a kopa le go tlhalosetsa bana ba basetsana go tsena mo manyalong aa boitshepo pele ga ba tshola bana. Kgosana Pauline Sephiri o ne a bua a mmene phatlha a kaya fa bomme bangwe ba reka bana ba basimana ka madi gore ba tlhakanele dikobo le bone a supa fa godira jalo e le matlhabisa ditlhong le go tlhoka go itlotla.
O Kaile fa gape bomme le bana ba basetsana e le bone ba gantsi ba amiwang ke mogare wa HIV/ le bolwetsi jwa AIDS ka gantsi ba tlhakanela dikobo ba le mo kgatelelong ya nnotagi mme ba felela ba sa dirise dikhomdomo.
Mme Kemmonye Sebati go tswa kwa sepateleng sa Tsabong o ne a tsibosa bomme bao le go ba ruta ka bodiphatsa jwa go nna le bakapelo ba ba fetang bongwe le ka fa mogare o anamang ka teng.
A tlatsa ka go ba gakolola go nna le mokapelo a le mongwe go dirisa sekausu ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo go anamiseng mogare wa HIV/AIDS mo go ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya bomme
Date : 27 Jul 2014