Breaking News

Lekgotla le pegile banna moretlwa

27 Jul 2014

Lekgotla la ditsheko la Setswana la motse wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le sa tswa go atlhola banni bangwe ba motse oo ba le batlhano dithupa le go lefisiwa madi ka molato wa bogodu.

Mo ditshekong tseo, David Wilson wa dingwaga tse di masome a mararo le Meleko Jeremiah wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi ba ne ba pegiwa dithupa tse tlhano mo maragong, fa bomme Koketso Nyame wa dingwaga tse di masome a mararo le Margret Mbisana wa dingwaga tse di masome a mane le bone, bone ba ne ba lefisiwa P100 mongwe le mongwe wa bone morago ga go bonwa molato wa go utswa dilwana dingwe kwa sekolong sa Tashatha JSS kwa Tati Siding.

Bomme bao, ba laetswe gore ba bo ba duetse madi ao mo a malatsing a supa, eseng jalo ba tla ya kgolegelong ya lebaka la ngwaga.

Go bolelwa fa tiragalo eo e diragetse ka malatsi a boitapoloso a ga tautona fa bone joo, jo bo neng bo thapilwe ka nakwana kwa sekolong seo ba ne ba utswa dithoto tse di akaretsang digarawe di le tlhano, dilock le dipara tse tlhano tsa ditlhako tse di dirisiwang ke bana ba sekolo mo mebinong ya Setswana.

Go bolelwa fa bangwe ba ne ba lemoga se se neng se diragala mme ba loma mapodisi tsebe, ba ba neng ba latedisa basekisiwa kwa malwapeng a bone mme ba fitlhelwa ka dingwe tsa dithoto tseo mme dilock tsone mo nakong eno di santse di tsene ka lenga la seloko.

Basekisiwa botlhe ka bone ba ne ba ipona molato mme ba kopa lekgotla go ba utlwela botlhoko ka ba tlhokomela bana ba bone.

Fa a ntsha katlholo, Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o ne a re molato o o dirilweng ke basekisiwa, o ka baka gore ba dise poo lobaka la dingwaga tse tharo, a re fela o ne a tsaya tsia boikuelo jwa bone le gore ke lantlha ba dira molato.

Kgosi Nkgageng o ne a supa fa mokgwa wa batho bangwe wa go utswa, bogolo jang fa ba direlang teng o tshwenya thata e bile go lebega o setse o atlile mo motseng oo, ka jalo o ne a kopa gore batho ba latlhe mokgwa oo ka ponyo ya leitlho.

Go ntse go le foo, Rre Wendu Joko wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ene o ne a pegiwa dithupa tse tlhano mo maragong a sena go bonwa molato wa go utswa di widowframe mo lelwapeng lengwe gone kwa Tati Siding.

Go bolelwa fa tiragalo eo, e diragetse ka kgwedi ya Seetebosigo mme mapodisi a longwa tsebe ke bangwe, mme ba letedisa Rre Joko kwa a hirisitseng teng mo Tati Siding kwa ba fitlhetseng diwidowframe tseo.

E sale go tswa foo, rre Joko o ne a tsena ka lenga la seloko go fitlhelela mapodisi ba mo tshwara jaana ka malatsi a boitapoloso.

Dithoto tseo, di ne tsa tlisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore digarwe le ditlhako di busediwe sekolo sa Tashatha fa diwindowframe di buseditswe mong wa tsone.

Go sale foo, Kgosi kgageng a re boitswaro jwa banni ba motse wa Tati Siding e ne e le jo bo itumesang mo malatsing a boitapoloso a ga Tautona, a tlhalosa fa go ne go rena boitumelo, go sena ditiragalo dipe tse di fatlhang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : TATI SIDING

Event : Tsheko

Date : 27 Jul 2014