Breaking News

Matlapeng o inaakantse le lenaneo

27 Jul 2014

Mananeo a nyeletso lehuma, a ka bontsi a tsamaisiwang ke dikhansele, go supega a tswa tema. 

Mme Mmaletsatsi Matlapeng yo o tlholegang kwa Mochudi o ne a seka a ipona tsapa go ikatametsa kwa go ba boipelego ba kgaolo ya Kgatleng go ikwadisetsa lenaneo la kapei.

O boletse gore pele a ikwadisetsa lenaneo le, o ne a bereka kwa Shoppers a apaya mme mongwe wa ditsala tsa gagwe a mo rotloetsa go ya go ikwadisetsa lenaneo la nyeletso lehuma la kapei kwa khanseleng ka jaana a na le bokgoni jwa yone.

A re le ntswa a ne a bereka, lehuma le ne le ntse le mo apere mme a reetsa thotloetso ya tsala ya gagwe a bo a ya go ikwadisetsa lenaneo leo ngwaga oo fetileng, jalo a simolola kgwebo ya gagwe ngwaga ono ka Tlhakole kwa Rasesa.

A re ba simolotse ba le babedi ba tsentswe ke khansele mo ditlhophaneng gore ba dire botlhe go fitlha dingwaga tse tlhano, mme ka go tlhoka go berekisana sentle, ba kgaogana mongwe le mongwe  a simolola go itirela a le nosi.

O tsweletse a re kgwebo e ne e tsamaya sentle fa ba simolola ka jaana ba ne ba na le lefelo le le siameng le ba neng ba direla mo go lone e bile gape ba ne ba apaya dijo tsa phakela le tsa motshegare.

A re mo nakong eno o kgona go apaya dijo tsa motshegare fela mme o na le keletso ya go apaya le tsa phakela, bothata jwa gagwe ke gore o bereka a le nosi ka jalo a ka se kgone go di apaya tsotlhe. 

A re o duela koloi e e mo tseelang dijo P40 tsatsi le letsatsi go mo tsaya kwa lwapeng le gone go mmusa mme seo se mmusetsa kwa morago ka se  ja mo dipoelong tse a di dirang. O tsweletse a re go ka bo go le botoka fa a ne a na le lefelo le a apeelang mo go lone a bo a rekisetsa teng gape.

A re fa e sale a simolola go itirela a le esi ka Mopitlo, o rekisetsa fa pele ga khansele ya Kgatleng, mme fa a direlang teng go mo siametse ka jaana a le gaufi le batho ba bantsi ba ba mo rekelang mathata o na le letlhoko la didirisiwa di tshwana le dijana, ditafole le ditilo gore batho ba kgone go jela foo ba bo ba tsamaya fa ba fetsa.

O tlhalositse gore e rile fa a simolola go apaya, khansele ya mo fa gase mme e rile e fela a seka a ipona tsapa ya go rwalela dikgong gore a apaye ka tsone. O supile fa  a sa kgone go apaya sentle ka dikgong ka jaana a sena dipitsa tse di apayang kwa isong gonne tse khansele e di mo fileng ele tse di apayang fela mo setofong.

Le fa ntswa a kopana le dikgwetlho mme gone o lebogela thuso e khansele e mo e fileng gonne  o tsweletse sentle fela thata.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Johane

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 27 Jul 2014