Breaking News

Tamana o digela lekgolo

27 Jul 2014

Ga se mang le mang yo o ka tshelang dingwaga tse di lekgolo mo malatsing ano, mme Mme Yarobi Tamana wa kgotla ya Legonono kwa Gumare ene o kgonne go di fitlhelela le fa ntswa a sena pono. 

Mo moletlong wa go ipelela letsatsi la gagwe la matsalo bosheng, Mme Tamana a re o leboga ramasedi ka e le ene a mo tshegeditseng go tla go fitlha fa a leng teng. 

O boletse fa a leboga ba lelwapa la gagwe go bo ba le gaufi le ene le go mo tlhokomela ka nako tsotlhe, segolo jang ka a latlhegetswe ke pono.

Mme Tamana o boletse fa poifo Modimo le boitshwaro jwa gagwe, di nnile le seabe mo kgolong ya gagwe gonne e ne e le ngwana yo o kutlo mo batsading. O tlhalositse fa ka dinako tsa gagwe, a ne a tshela ka go kgetla bojang le letlhaka le go rekisa tswii gape e le molemi morui.

O kgothaditse basha go tlhokomela le go tlotla batsadi ba bone gore ba tle ba bone masego jaaka baebele e bolela. 

Fa a latlhela la gagwe,  ngwana wa ngwana wa ga Mme Tamana, Rre Thomoetsile Elisha o boletse fa ba dirile mokete o, go leboga Modimo go bo a tshedisitse mmaabomogolo ka lebaka le gone go supa lorato mo go ene. Mogodi yo, o na le bana ba le babedi, bana ba bana ba le lesome le motso le dikokomane di le masome a mararo le boraro.  BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : GUMARE

Event : Moletlo wa go ipelela letsatsi la matsalo

Date : 27 Jul 2014