Breaking News

Ba Pitseng ba leboga Tautona

27 Jul 2014

Banni ba Pitseng mo kgaolong ya Borwa ba isitse malebo kwa go tautona, Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, ka go ba thusa ka mananeo a temo-thuo a go ba fa dipeo, menontshane le go lemelwa mahala.

E rile ba akgela mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa temo-thuo,  Rre Oreeditse Molebatsi bosheng, banni ba bolela gore le fa puso e otlolotse letsogo jaana, sebe sa phiri ke gore ba senyediwa ke dikgomo tsa matimela, ditholo, ditshwene, bophiri le bonoko mo masimong.

Ba boletse fa tautona a thusitse gape ka gore go rapelelwe pula gonne molelo wa mariga ba o o rile monongwaga. Le ntswa ba itumeletse mananeo a, ba ngongoregile ka tlhaelo ya metsi, ba bolela fa mananeo mangwe jaaka la nyeletso lehuma la go lema ka fa segotlong a padile ka ntlha ya tlhaelo ya metsi. 

Ba boletse fa ba ne ba welwa ke seru ka dikoko tsa bone di ne tsa bolawa ke bolwetse bongwe jalo ba kopa thuso mo pusong go laola seemo.

Banni gape ba kopile puso gore e atolose lenaneo la badirela puso la go ba agela matlo le dikoloi gore go tsenngwe ditshukudu tsa temo le bone ba tle ba itatswe menwana ka go itemela le go lemela barwa-rraabone.

Tona Molebatsi o ba tlhaloseditse gore puso e tsile go tswelela ka mananeo a temo-thuo a mahala mme ga ba na go lemela ope yo o tla gasang peo. 

A re dituelo tsa temo mono ngwaga di tsile go fefoga ka ba bone se se tsetseng tiego mo temong e e fetileng.

Rre Molebatsi o boletse fa a le ‘bete se molangwana ka dikomiti tsa balemi-barui le balemisi mo motseng ka di sa bereke ntswa e le tsone tse di ka begelang lephata la gagwe ka mathata a balemi ba kopanang le one mo kgaolong, go supa selekanyo se ba se boneng sa temo, gammogo le malwetse a a ba apesitseng kobo ka letshoba. 

A re balemisi le bakenti ke bone ba nang le boitseme ja go kopana le balemi go ba gakolola ka komiti tsa mofuta o.

Fa a bua ka lenaneo la LIMID la dipudi, o boletse fa ba tsere tshwetso ya gore puso e reke dipudi mo metseng e e farologaneng mme ba di abele ba ba tshwanelwang ke lenaneo go na le jaaka go ntse go dirwa  mo motho a neng a ipatlela kwa a ka di rekang  teng.

O tlhalositse fa lefatshe leno le tlhaelelwa ke  masi ka jalo puso e le mo lenaneong la go rekela barui moroto wa dipoo tse di tsalang dikgomo tsa masi, ba bo ba o rekisediwa ka ditlhwatlhwa  tse di kwa tlase gore ba kgone go rua dikgomo tseo.

O kgothaditse balemi-barui go ipopa ditlhopha mo dithoteng tsa bone go agelelwa masimo le go phunyetswa sediba ke puso mahala, mme a ba rotloeditse go ipaakanyetsa temo e e tlang go sale gale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Jul 2014