Breaking News

Balemi ba reketswe engene

27 Jul 2014

Mongwe wa bagolwane ba pele ba sesole sa Botswana, Brigadier Iphemele Kgokgothwane, o abetse balemi barui ba masimo a Makoro le Madiaela mo kgaolong ya Legare engene e ba tla e dirisang mo sedibeng se se ntseng se tswetswe fa e sale khansele e rolela koporase ya Water Utilities tsamaiso ya go siela batho ba magae le ditoropo metsi ka 2010.

Brigadier Kgokgothwane o boletse mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Madiaela bosheng, gore batho ba masimo ao ba ne ba sokola ka ba a nwa metsi a megobe, jalo a bona go tshwanela go ba thusa ka engene ya tlhwatlhwa ya P57 000 gore ba kgone go nwa metsi a a phepa ba bo ba siele le leruo la bone.

O kopile balemi barui ba masimo a Makoro, Madiaela, Ramherwana, Lemone, Bikwe le ba motse wa Radisele go tshwaraganela sediba seo ka go thusana go reka leokwane le go thusa ka madi a go se baakanya.  

A re go mo maruding a bone go tlhopha komiti e e tla tsamaisang sediba seo go itsa dikgogakgogano. Mongwe wa batho ba ba thusitseng ka madi a go tsosolosa sediba seo ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi yo a neng a ba abela P5 400.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Michael Motshedi o lebogetse Brigadier Kgokgothwane le Dr Venson-Moitoi go ema batlhophi ba kgaolwana ya gagwe nokeng ka go ba thusa ka engine ya sediba ka jaana ba ntse ba dirisa metsi a megobe fa e sale badiri ba khansele le ba koporase ya Water Utilities ba emisa go ba siela metsi ka 2010.

E re ntswa khansele ya Legare e ne e siela batho ba masimo ao metsi, go ne ga fetoga fa koporase ya Water Utilities e neelwa taolo ya go siela batho ba magae le ditoropo metsi ka ba re batho ba masimo a Makoro le Madiaela ba mo lefelong le le sa bewang ka fa molaong ke ba kabo ditsha go nna motse o o rurifaditsweng.

E rile ba tswa la bone, ba galaletsa Rre Kgokgothwane le Dr Venson-Moitoi  go nna le mowa wa kutlwelo-botlhoko ka go ba gokelela sediba se ba tla nwang mo go sone boemong jwa go nwa metsi a megobe a ba tlhalositseng fa a le borai mo matshelong a bone ka jaana a ka ba bakela bolwetse jwa letshololo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya go rola dithuso

Date : 27 Jul 2014