Rekegelang naga - Gaborone
27 Jul 2014
Go utswa motlhaba le go rema naga go lebega go golela pele le fa ntswa batho ba tlhagisiwa fa go senya tikologo e bile go se ka fa molaong.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mothusa kgosi kgolo ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone a re batho ba ba tswang go sele ba kgemetha naga ba utswa dikgong mo masimong, masakeng le magora a mekgoro gammogo le dikota tse go ageletsweng masimo ka tsone baya go di rekisa kwa toropong, mme o boletse gore ope yo o tla a tshwarwang a dira jalo o tla a gapelwa didirisiwa tsa gagwe e ka nna koloi kana sepe fela se a se dirisang mo tirong eo.
O boletse fa ba santse ba le mo patlong ya mong wa koloi nngwe e go boletsweng fa mong wa yone a tsweletse a rema naga, mme bogogi bo mo kopile gore a tle kwa kgotleng ka ba le mo patlong ya gagwe.
O tlhalositse fa batho ba ba remang dikgong le go senya masimo ba dira jalo bosigo kana mo maphakeleng a matona kwa masimong a Modipane, Oodi, mo borogong jwa Tlokweng jo bonyenyane le jo botona le mo masimong a a mapabi.
Kgosi Michael Gaborone o boletse fa batho ba go nna jalo ba tla a tseelwa dikgato tse di lebaneng ka ba kgotha naga le gone go leswafatsa tikologo ya masimo, a tlatsa ka gore gole gantsi batho ba go nna jalo ba thapa baagisanyi go tswa kwa Zimbabwe go ba thusa mme a supa fa seo ele molato.
O tsweletse a re ba ba utswang motlhaba bone ba o rwala kwa masimong a Lemonyaneng, Maratadiba le kwa polasing. Kgosi o tlhalositse fa batho ba go nna jalo le bone ba tla a gapelwa didirisiwa tsa bone ka gore puso e sale e kgalemetse mokgwa oo mme batho ga ba emise go senya.
O boletse gore fa batho ba filwe diteseletso tsa go tabola motlhaba ba tshwanetse go o tsaya kwa mafelong a ba filweng teseletso teng e seng ba utswa mo mafelong a sele.
Kgosi Michael Gaborone o tlhalositse fa go tla a ntshiwa masogwana go tsamaya ba lebelela batho ba ba senyang mo kgaolong yotlhe mme moretlwa o tla a lela mo go ba ba senyang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 27 Jul 2014