Kereke e mosola mo kgodisong ya ngwana
27 Jul 2014
Kereke ke nngwe ya mafelo a ngwana a tshwanetseng go golela ka fa tlase ga one ka e thusa go aga tlhaloganyo.
Fa a amogela maloko a kereke ya Metsi a a Senang Theko Apostolic kwa kgotleng ya Sefhare bosheng, mothusa kgosi Rre Mpeo Mpeo o boletse fa lefatshe leno le tshwenyegile thata ka boitshwaro jo bo makgasa segolo jang mo bananeng mme go bona go nale banana bangwe ba ba inaakantseng le dikereke go itumedisa fela thata.
Kgosi o tlhalositse gore banana bao ba tla a tswelela ba gola ba itse molemo le bosula ka jalo ba ikgaphe mo boitshwarong jo bo sa amogelesegeng.
A re motho yo o golelang ka fa tlase ga kereke gantsi o nna le poifo ya go dira bosula ka a tla a bo a tlhaloganya fa go dira seo e le boleo.
O supile gore mo ngwageng ono kgotla ya bone e setse e etetswe ke dikereke di le tharo, a tlhalosa fa a itumeletse go bona dipalo tsa banana di nametsa mo go tsone.
O gwetlhile banana ba ba inaakantseng le go tsena dikereke go tiisa tumelo ya bone mo Modimong.
A re o eletsa go bona banana ba ba mo dikerekeng ba ngoka ba ba mo mebileng e seng go bona ba ba mo dikerekeng ba di tlogela ba bo ba simolola botlhoka tsebe. A re mo dikerekeng o rotloetsa thata lenyalo gonne le fa motho seriti.
O tsweletse a tlhalosa gore fa batho ba ba tsenang dikereke ba ka tsibogela kgang ya lenyalo go ka thusa go fokotsa matshwenyego a baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa kereke eo, Moruti Batisitswe Ofentse o lebogetse kamogelo le thotloetso ya ga kgosi, mme a tlhalosa fa maikaelelo a loeto la bone ele go ipega le go dumedisa bogogi ja motse wa Sefhare.
A re kereke ya bone e ikemiseditse go tla go ruta lefoko la Modimo le go sokolola ba ba santseng ba saletse kwa morago mo motseng oo le e e mabapi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya go ipega ga kereke
Date : 27 Jul 2014