Breaking News

Mapodisi a Ghanzi a batlisa moswi masika

27 Jul 2014

Mapodisi a Ghanzi a kopa setshaba go ya go bona setopo sa monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le botlhano go ya kwa go masome a mane mo setsidifatsing sa sepatela sa Ghanzi.

Ramapodisi a Ghanzi, Superintendent Christopher Molobe a re monna yoo, o fitlhetswe a tlhokafetse morago ga gore koloi e a neng a e palame e pitikologe mo tseleng ya Kang/Ghanzi.

Superintendent Molobe a re kotsi eo e diragetse mo maphakeleng ka nako ya botlhano go ya kwa go ya borataro kgwedi ya Phukwi e le lesome le bobedi mme o ne a tsamaya ka koloi ya Toyota Hilux 4X4.

Superintendent Molobe a re moswi o fitlhetswe a sa tshwara sepe se se ka mo supang le go tlhalosa gore ke motho wa kae, jalo o kopa setshaba go itshwaraganya le mapodisi a Ghanzi kana mapodisi a a gaufi le bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Pego ya sepodisi

Date : 27 Jul 2014