Breaking News

Boitseme jwa badiri bo busetsa puso kwa morago

27 Jul 2014

Boitseme jwa babereki bangwe ba Ipelegeng bo busetsa puso kwa morago ka dingwe tsa ditiro tse di abetsweng lenaneo leo di feletsa di sa wediwe ka nako e e beilweng.

Mo potsolotsong bosheng, mogokaganyi wa lenaneo la Ipelegeng wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Pule Ramolemoge o tlhalositse gore fa tiro e simolodisiwa e abelwa madi a a akaretsang a didirisiwa le dituelo tsa babereki le nako e e tshwanetseng go wediwa ka yone  ka jalo  fa e sa wediwe ka nako go tlama puso go dirisa madi a mantsi ka e  tshwanelwa ke go oketsa gore tiro e tsweledisewe.

Rre Ramolemoge a re le ntswa puso ya lefatshe leno e kgaratlha go tlhamela Batswana mebereko go intsha mo lehumeng, go ngomola pelo go bo bangwe ba batla go folodisa maiteko ao ka go sa tseyeng tsia mananeo a tshwana le la Ipelegeng.

A re go lemosegile fa boitseme jo ja babereki bo tsalwa ke gore bangwe ba na le mowa o o bosula wa gore ba lekanya tiro le dikatso tse ba di fiwang, selo se a tlhalositseng se le maswe fela thata ka fa se ka jwelela se ka baka gore ditiro di seka tsa wediwa ka nako.

Rre Ramolemoge o tsweletse a tlhalosa fa mo ngwageng wa madi wa 2013/14 kgaolo ya gagwe e abetswe ditiro tse di masome a ferang bobedi le botlhano ka lenaneo leo mme mo go tsone di le lesome le botlhano di saletse kwa morago ntateng ya boitseme jwa babereki.

Le fa go ntse jalo, o supile fa mo nakong eno ditiro tseo di tsibogetswe e bile di le mo seemong se se kgotsofatsang go ka wediwa. 

O bile a kgothatsa babereki ba ba thapiwang ka lenaneo le go dira ka natla ba tsentse moko mo ‘nameng, a tlatsa ka gore  ba tshwanetse go akgola puso go bo e dira ka gotlhe go tokafatsa matshelo a bone gonne  lemme le ba atswiwang ka lone  ga go tshwane le fa motho a ntse fela.

Rre Ramolemoge o boletse fa ba inaakantse le go buisa diphuthego le ba ba amegang ba akaretsa dikomiti tsa ditlhabololo le ba bogosi go thusa go lwantsha seemo se ise se golele pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 27 Jul 2014