Breaking News

Lephata le lwantsha tshenyetso setshaba

24 Jul 2014

Mogokaganyi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya Chobe, Rre Rapelang Sebadieta o tlhalositse fa tshenyetso setshaba e setse e tseneletse mo setshaba e bile se setse se se na tshepo mo bodireding. 

Fa a bua kwa motseng wa Lesoma mo tshimolodisong ya mokwalo wa thibelo tshenyetso setshaba wa lephata leo bosheng, Rre Sebadieta o boletse fa maikaelelo e le go dira bonnete jwa gore ba rutuntsha bodiredi e le ntlha nngwe ya go nyeletsa mowa wa tshenyetso setshaba, a tlatsa ka gore ke ka moo go dirilweng mokwalo oo supang gore bodiredi bo solofelwa go itshwara jang fa ba neela setshaba ditirelo. 

O tsweletse a bolela fa kgang kgolo e le go netefatsa fa dikeletso tsa bodiredi di sa bewe pele ga tsa ba ba kopang dithuso. Rre Sebadieta o tlhalositse gape gore mokwalo oo, o na le ditsetlana tse o ikaegileng ka tsone e le maikaelelo a go rotloetsa le go nonotsha bodiredi gore bo ka ntsha dijo tse di tlhokafalang mo lefatsheng kwa ntle ga tshenyetso setshaba.

E ne ya re fa a tswa la gagwe, Rre Joseph Gaboswetswe, yo o emetseng komiti e e kgatlhanong le tshenyetso setshaba mo lephateng, a supa fa maikaelelo a bone e le go lwantsha tshenyetso setshaba go tsosolosa serodumo sa lefatshe leno. 

Rre Gaboswetswe o rotloeditse setshaba go bega dikgang tse ba belaelang e le tshenyetso setshaba, a supa fa boeteledipele jwa lephata bo tshwenyegile ka yone, ke ka moo ba dirileng mokwalo o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ngoni Makula

Location : KASANE

Event : Tshimolodiso ya mokwalo

Date : 24 Jul 2014