Bishop o tshwenyega ka makgamu
24 Jul 2014
Mookamedi mogolo wa kereke ya Apostolic Jerusalem Church of God, Arch Bishop Mokolobetsi Mokoya a re makgamu ke kgwetlho e tona mo phuthegong ya gagwe.
Mo potsolotsong le BOPA jaaka maloko a kereke eo a ne a phuthegetse kwa Maun go tsena bokopano jwa ngwaga, Bishop Mokoya o boletse fa makgamu a tsalwa ke gore maloko mangwe ga a batle go kgalemelwa fa ba fapoga mo tseleng mme ba felela ba ngala ba bo ba ipulela dikereke tsa bone.
O tlhalositse fa seemo seo se ngomola pelo ka gonne kgalemo mo kerekeng e dirwa go lebilwe molao motheo o o dumalanweng ke maloko. Bishop Mokoya o tlhalositse gape fa ba kopana le dikgwetlho tse dingwe jaaka go phutlhama ga diphuthego ka ntlha ya go tlhoka go itsetsepela ga boeteledipele.
A re baeteledipele bangwe ba goga dinao go diragatsa thomo ya bone mme seo se felele se ama tsamaiso ya kereke kwa bofelong diphuthego di phutlhame
Fa a akgela mo kgannyeng ya gore baruti bangwe ba emisa balwetse go tsaya kalafi ba ba bolelela fa tumelo e tla ba fodisa, Bishop Mokoya a re e re le ntswa ba dumela gore thapelo e ka fodisa, gangwe le gape ba ikgolaganya le ba botsogo pele ga ba ka thusa molwetse.
O boletse fa a itumelela gore puso e lemoga seabe sa dikereke ke ka moo e le baeteledipele ba diphuthego ba itlamileng go tsenya letsogo mo dikgwetlhong tse di apereng lefatshe leno.
A re o dumela gore bakeresete ba tshwanetswe ba bonwa ka ditiro tse dintle e seng go obamela ditiro tsa lefatshe, a tlatsa ka gore banana ke bone ba tlhokanang thata le thuso ya go ngokelwa mo Modimong.O tsweletse a re ba leka ka natla go anami
sa melaetsa ya boikgapo mo bananeng le gone go fetola boitshwaro jwa bone, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore banana ba tshele ka lefoko la Modimo ka e le bone baeteledipele ba ka moso.Fa a akgela, mokhanselara wa kgaolwana
ya Sedie, Rre Kaukapita Kaukapita o gwetlhile maloko go tshwaragana gore ba tsholetse serodumo sa kereke ya bone.
A re mo nakong eno puso e gagamatsa molao wa go simolodisa dikereke ka jaana e ikaelela go oketsa palo ya maloko, jalo a ba gakolola gore botshelo jwa kereke ya bone bo mo diatleng tsa bone ka jaana ba ka e senya kana ba e aga .
Rre Kaukapita o rotloeditse maloko a kereke eo go nna sekai mo lefatsheng a re e le bakeresete ba tshwanetse ba supa ka ditiro jaaka baebele e tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 24 Jul 2014