Go bala molao wa ditlhopo go botlhokwa
24 Jul 2014
Mapolotiki a gakolotswe go bala molao wa ditlhopho gore ba kgone go tlhaloganya tsamaiso ya tsone.
Mo dithuto puisanong tsa bontlhopeng kwa Ghanzi bosheng, mogolwane mo ofising ya ditlhopho, Rre Dintle Rapoo o boletse fa gole botlhokwa gore mapolotiki ba itse molao wa ditlhopho go tila go dira diphoso tse dintsi tse ba ntseng ba di dira.
Rre Rapoo a re ofisi ya bone e tshwenyegile thata ka mapolotiki mangwe a a tsayang batho kwa dikgaolong di sele ba tla go ba kwadisa mo dikgaolong tsa bone tsa botlhopi, a tlhalosa fa go dira jalo ele go tlola molao o o tsamaisang ditlhopho.
A re dipalo tsa batho ba ba batlang go fudugela kwa dikgaolong tse dingwe di a tshwenya mme seo se supa fa mapolotiki a sa sale morago molao wa ditlhopho.
Rre Rapoo o akgoletse banana go ikwadisetse ditlhopho tsa mono ngwaga ka dipalo tse di kwa godimo mme a leboga ba ba rotloeditseng banana go itse mosola wa go ikwadisa gore ba kgone go tlhopa diphathi tse ba di batlang.
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopo kwa Ghanzi, Rre Joseph Diswai o boletse fa ba eletsa gore balatedi ba diphathi tsa sepolotiki ka go farologana ga tsone ba nne le boitsholo jo bontle.
A re o ba rotloetsa gore fa ba ipapatsa ba itebaganye thata le mananeo a diphati tsa bone mme ba tlogele go bua mafoko a a sa siamang ka maina a batho ka ele molato.
A re go tshosetsa yo mongwe matshelo fa a le mo ipapatsong le gone ke molato o motona.
O tsweletse a kopa bontlhopeng go bua le balatedi ba bone gore ba tlogele go bua mafoko a a sa siamang mo diphuthegong tsa sepolotiki.Rre Diswai o boletse fa dipalo tsa batho ba kgaolo ya Ghanzi ba ba batlang go fudugela kwa dikgaolwaneng tsa botlhopi di tsamaya mo makgolong a mabedi, a supa fa di le kwa godimo mme ele gone go simololwang phuduso eo .
E rile bontlhopeng ba akgela, ba ngongorega thata ka batho ba ba tsewang kwa dikgaolwaneng di sele go tla go kwadisiwa mo dikgaolwaneng tsa bone, ba bolela fa go dira jalo go diga ba ba emetseng ditlhopo seriti.
Ba ngongoregile gape ka bodiredi jwa ofisi ya ditlhopo ya Ghanzi gore ba gana go fudusa batho ba ba batlang go fudugela kwa dikgaolwaneng tsa bone tsa botlhopi ka jaana bangwe ba bolela fa ba ne ba ikwadisa ka phoso mo dikgaolwaneng tse eseng tsa bone.
Fa a araba dingongorego tsa bone, molaodi wa Ghanzi, Rre Andina Dintwa o tlhalositse fa dipampiri tsa ditlhogo tsa mapolotiki di sa letlelelwe go pegiwa mo diofising tsa maphata a puso, ka gonne diofisi tsa puso ga di amana gope le sepolotiki jaaka badirela puso ba sa tsene gope mo sepolotiking. E rile gole pele, Rre Tony Sebabe yo o ikemetseng ka nosi, a batla go itse gore a mapolotiki ba letlelelwa go baya dipampiri tsa bone tsa ipapatso mo diofising tsa puso.
Fa a araba ka batho ba ba tsewang go ya go ikwadisetsa kwa mafelong a sele, Rre Rapoo o tlhalosa fa mapolotiki ele bone ba dirang gore batho ba dire jalo ka ga ba ba bolelele boammaaruri.
Rre Rapoo o boleletse bontlhopeng gore go na le fomo e e tladiwang kwa ofising ya ditlhopho fa ele gore mongwe oa ngongorega e bile a na le bosupi jo bo papametseng gore batho ba kwadisitswe kwa lefelong le eseng la bone.
O tsweletse a re fa ele gore ga ba a tlatsa fomo eo ga gona sepe se ka dirwang ka gore malatsi a a neng a beetswe go sekaseka voters roll a setse a wetse.
Rre Diswai ene o tlhalositse fa ofisi ya bone e sa gane go fudusa batho mathata ele gore batho ba go nna jalo ba palelwa ke go araba dipotso tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Thuto-puisano
Date : 24 Jul 2014