Dipodi di tlhakaladitse Mandunyane
24 Jul 2014
Banni ba Mandunyane ba bolela fa ba tshwenngwa ke dipodi tse di tletsetletseng mo kgaolwaneng ya bone.
Fa ba bua mo phuthegong ya go ba tsisetsa ditlamelo bosheng, mongwe wa banni, Mme Cynthia Kopong, o tlhalositse fa bothata jwa dipodi tseo e le go tlhoka tiso.
A re o na le tshingwana ya merogo mo lwapeng la gagwe mme go le gantsi ga a akole sepe mo go yone ka dipudi tseo di mo senyetsa.
Rre Oabona Madumela le ene o bolela fa a tshwentswe thata ke dipodi tseo ka di kaila gongwe le gongwe le mo ditseleng tsa dikoloi tota, a supa fa se, se feletsa se ba dirisa diphoso fa ba kgweetsa ka dipudi tseo di na le go itatlhela mo tseleng mme di bake dikotsi tsa tsela.
E rile a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana eo, Brigadier Bathoen Maseko le ene a tlhalosa fa a le moono mongwe le banni ba kgaolwana eo ka a re dipudi tseo di itaya tsebe fela thata.
O kopile barui ba kgaolwana eo go tlhokomela leruo la bone gore le tlogele go tlalatlala gongwe le gongwe. A re banni ba tshwanetse go itse gore go sa tlhokomela loruo go ka dira gore ba atlholwe kgotsa go gapiwe lone loruo ka ba tlaa bo ba tsenya matshelo a batho mo diphatseng.
Brigadier Maseko a re thuo ya dintsa mo kgaolwaneng ya Mandunyane e kwa godimo, a bolela fa a lemogile gore motho a le mongwe o kgona go rua dintsa di feta lesome, mme a tlhalosa fa go dira jalo le gone go ka nna diphatsa mo matshelong a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : TUTUME
Event : Phuthego
Date : 24 Jul 2014