Breaking News

Mmetli o lela ka mmaraka

24 Jul 2014

Mmetli wa ditilo le ditafole tsa disana tsa setlhare sa motswere kwa Molalatau, Rre Johannes Makgosa o lela ka go tlhoka mmaraka o a ka rekisang dithoto tsa gagwe kwa go one.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Makgosa o boletse fa a epa disana tsa ditlhare tsa motswere mo tikologong ya motse mme a tlhalosa fa go le bokete ka tse dingwe di feta dimmithara di ka nna pedi. 

A re setlhare sa motswere se thata e bile ke sennela ruri ka se kgona go itshegetsa mo diemong tshotlhe tsa loapi jalo a kopa morafe wa Babirwa go emisa go se remaka gonne  se na le tiro e ntsi fela thata.

A re le fa ntswa a simolotse go betla ka 2007  ga a ise a kgone go bona theko e e nametsang ka jalo o kopa Batswana ka kakaretso go etela madirelo a gagwe go bona botswerere jo a bo dirang.   

O boletse fa bontsi ja banni ba motse wa Molalatau ba supa kgatlhego ya go reka mme sebe sa phiri ele ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse ba di bayang. 

Rre Makgosa a re ga a na bokgoni jwa go ipapatsa mme o dumela fa ditilo le ditafole di ne di ka bona theko kwa mafatsheng a sele fa a ne a na le kitso eo. Kgwetlho e nngwe ya gagwe ke gore  le ntswa go na le bajanala ba ba tlang kwa Bobirwa, ga a kgone go kopana le bone ka ntlha ya go tlhaelelwa ke ditsompelo.

Rre Makgosa a re ba ofisi ya boipelego ba ntse ba leka go mo thusa go ka bona bareki mme a re se se kgorelediwa ke gore bodiredi bo nna bo fetoga jalo go busetsa tswelediso ya dithulaganyo tseo kwa morago.

Le fa ntswa ele mongwe wa ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma ka go direlwa tshingwana ya merogo, a re o batla go e kabakanya le tiro ya go betla ka jalo o ikuetse mo Batswaneng go rotloetsa kgwebo ya gagwe ya go betla. 

O tlhalositse fa ditilo le ditafole tse a di betlang di siametse go kgabisa mo magaeng le mo mafelong a bojanala. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : MOLALATAU

Event : Potsolotso

Date : 24 Jul 2014