Breaking News

Lobatse o ipaakanyetsa boipuso

24 Jul 2014

Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri o kopile banni ba toropo eo go nna le seabe mo go ipaakanyetseng letsatsi la boipuso la monongwaga.

O ba kgothaditse le go tlhagola tsela ya go ipelela jwa 2016 jo lefatshe leno le tlaa bong le na le dingwaga di le masome a matlhano le ntse le ipusa.

E rile a  afa  tekodiso ka dipaakanyo tsa  go ipelela moletlo o motona wa dingwaga tse di masome matlhano, a tlhalosa fa toropo ya Lobatse e abetswe  P91 662 ke ba komiti ya BOT 50 go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao le le okametseng ditirelo tsa ipaakanyetso boipuso go tloga monongwaga go fitlhelela ka 2016. 

A re ditiro tse di filweng madi di akaretsa ditirelo tsa go simolodisiwa ga merapelo Lwetse a rogwa go fitlhelela ka letsatsi la boipuso.

O boletse gore go tlaa nna le dikgaisano tsa moopelo tsa dikereke, bodiragatsi, mmabontle le rabontle , mmino wa Setswana, metshameko ya Setswana jaaka diketo, dijo tsa Setswana gammogo le motshameko wa kgwele ya dinao mo kgaolong.

Bangwe ba ba tsena phuthego eo ba atlile fela thata kgaisano ya moopelo wa dikhwaere tsa dikereke ba bolela fa gole matshwanedi gore o nne teng segolo bogolo ka lefatshe leno le ikaegile ka Modimo.

 Mokhanselara wa Peleng Legare, Rre Bobby Raphala o akgoletse morafe go tshologela phuthego eo ka jaana ba tlaa thusa ka megopolo e e nitameng le go anamisa molaetsa kwa setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Tekodiso ka ipaakanyetso meletlo ya boipuso

Date : 24 Jul 2014