Breaking News

Naga ya leruo e fedile - Gaborone

24 Jul 2014

E re ka jaana naga ya leruo mo kgaolong ya Tlokweng e sa tlhole e le teng, leruo le a tshwenya ka go hulela mo motseng ka seo se tlisa kgotlhang mo banning le barui.

Mothusa Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone o boletse fa kgang ya leruo e tshwanetse ya lebelelwa ka leitlho le le nchocho go bona gore go ka dirwa jang ka lone.

Kgosi Gaborone o boletse seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA, a tlhalosa gore go lebelelwe gore leruo le masimo di sale di nna teng banni ba ise batle mme kgolo ya motse e setse e babaletse maismo le naga ya phulo.

Kgosi Gaborone o tlhalositse fa gone ga seka ga dirwa thulaganyo ya gore jaanong fa batho batla kana motse o atolosiwa leruo lone leya kae ka ga le kake la nna kwa masimo ka le ka senya dijwalo tsa balemi.

O boletse fa beng ba leruo leo ba batla go ruwa fela jaaka Batswana ba bangwe ebile bana le yone tshwanelo ya go bewa le tsone ditsha, mme e se gore Batlokwa ga ba tlhokomele leruo la bone jaaka batho bangwe ba akanya kana gotwe Batlokwa ga ba dise le ntshwa ba tseetswe masaka le mafudiso.

O tlhalositse gore, gore batho ba kgone leruo ke gore ba fiwe kwa ba ka bayang leruo teng e leng mafudiso go itsa gore leruo le seka la senyetsa batho, a tlatsa ka gore masimo a seka a tsewa mo bathong mme go lebelelwe gore diruiwa tsa bone di tla ya kae go sekasekiwe seemo pele.

Kgosi Gaborone o boletse gore fa go sena lefatshe ga gona jaaka go ka dirwa ka leruo ga le kake la tlholwa le setswe morago bosigo le motshegare ka lone le a thoba goya kwa le batlang go tsamaela teng.

O tlhalositse fa bogodu jwa leruo bo tshwenya ka dirukhutlhi di kgaola terata dibo di kgona gole tlodisetsa kwa lefatsheng le le mapabi la Aferika Borwa.

O tsweletse a tlhalosa fa seemo se ne se retibetse jaaka ba sesole sa Botswana bane ba santse ba kata go bapa le terata e e kgaoganyang Botswana le Aferika Borwa, a tlatsa ka gore fa ba sesole ba seo go nna motlhofo gore leruo le utswiwe mme le tlodisiwe terata.

O boletse fa lefatshe le lennye lena le ditlamorago gammogo le go atumela toropo ele mathata a matona, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore batho ba lebe kgang ya leruo sentle bogolo jang le le nnang kwa Tlokweng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : TLOKWENG

Event : Potsolotso

Date : 24 Jul 2014