Bo-ntlhopheng ba kopiwa go nna le botho
23 Jul 2014
Bo-ntlhopheng ba kopilwe go nna le botho mo ipapatsong ya bone ka gonne maitshwaro a a eletsegang mo sethong le mo setshabeng, ke one a ka ba dirang baemedi ba tlhwatlhwa ba ba ratiwang e bile ba tlotliwa ke batlhophi.
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng le le ikemetseng la ditlhopho, IEC, Mme Motlapele Raleru o boletse mo thuto puisanong e rulaganyeditswe batsaya karolo botlhe mo ditlhophong kwa Serowe bosheng, gore go na le bukana e e tlhalosang ka maitshwaro a bontlhophang, ka jalo o ba kgothatsa go nna le yone go kgona go itse ditshwanelo tsa bone.
A re bukana e, e botlhokwa fela thata mo go ba ba emetseng ditlhopho segolo jang ka ditlhopho tsa setshaba di setse di le gaufi. Mme Raleru o tlhalositse gore mo go yone bukana e gape, go nale ditsetlana tse di tlhalosang ka boitshwaro jwa batho le se ba tshwanetseng go se dira ka nako ya ipapatso kgotsa ya ditlhopho.
A re go ya ka fa molaong wa lefatshe leno, ga gona ope yo o tshwanetseng go tshosetsa yo mongwe, ka mongwe le mongwe o nale tshwanelo ya go emela ditlhopho go ya ka thato ya gagwe. A re ga go ope yo o tshwanetseng go kgobotliwa ka mafoko kana a kgorelediwa go ipapatsa ka bangwe ba supa fa mafelo mangwe ele a bone.
O tlhalositse gape gore ke molato o motona gore e re yo mongwe a tshwere phuthego ya sepolotiki a bo a ka kgorelediwe ke ba bangwe kana ba mo tshosetse ka dibetsa.
O tsweletse a re fa ele gore diphuthego tsa sepolotiki di tshwerwe letsatsi le le lengwe, ga di a tshwanela go bapa, di tshwanetse go nna sekgala sa dimithara di le makgolo a matlhano fa gare.
Mme Raleru o boletse gore ipapatso ya digoagowe yone ga e a tshwanelwa go diragala morago ga nako ya borobabongwe bosigo.
O tsweletse a gakolola batsena dithuto tseo gore babega dikgang ba na le tetla ya go tsena diphuthego tseo ba sa tshosediwe kgotsa ba kgobotliwa ka mafoko.
O boletse fa go senyaka kgotsa go kgagola ipapatso ya yo mongwe, ele molato jalo a ba rotloetsa gore ba tshwanetse go itlwaetsa go bala dibukana tsotlhe tse di buang ka ditlhopho gore ba itse ditshwanelo tsa bone le tsa batlhophi ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 23 Jul 2014